Badirisi ba Nama ya Podi

© Biswarup Ganguly
Patlisiso ya Sefora ‘Boemo, diphetogo le isagwe ya intaseteri go dikologa lefatshe’ (Diphalane 2018) e fitlhetse gore bontsi jwa nama ya podi bo jewa ka tlhamalalo ke montshadikuno kgotsa mo tikologong ya selegae. Fela 0.5 ya nama ya podi ke e rekiswa semmuso kwa dinageng tsa kw ntle. Seno se goeletsa maemo a a tshwanang mo Aforika Borwa.

Patlisiso ya Mmaraka mo Nameng ya Podi

Patlisiso ya mmaraka ke Khalahari Kid Corporation e fitlhetse gore badirisi ba ditlhopa tsa lotseno lo lo kwa tlase gantsi ga ba kgone go reka mmele o otlhe. Go ne ga tshitshinngwa gore mmaraka o a ka godiswa ka go neelana ka dikgaolo tsa nama tsa ditheko tse di kwa tlase, jaaka molala le matswele, tekanyetso e e tsentsweng mo lebokosong go rekiswa mo lephateng le le sa tlhomamang. Mala mogodu a jewa that mo lephateng la setso mme ka dinako dingwe e ka tlhaela mo dikgweding tsa mariga.

Go ya ka patlisiso ‘Porofaele ya Boleng jwa Kgolagano ya Mmaraka wa Podi ya Aforika Borwa’ (2017) Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Ditlhapi le fitlhetse gore ka tlwaelo badirisi ba bagolo ba chevon mo Aforika Borwa ke ditlhopa tsa lotseno lo lo kwa tlase. Nama ya podi gantsi e dirisiwa ke ditlhopha tse jaaka motheo wa letsatsi le letsatsi wa proteine mme e tsewa tsiya e le botlhokwa mo meletlong ya monyadiwa le mo diphitlhong.

Badirisi ba Nama ya Podi

Podi gape e jewa ka bophara ke Mamoslem la Mahindu. India e na le palo e e kwa godimo ya dipodi mo lefatsheng (35) le 95% ya dipodi tseo di tlhabiwang kwa India di jewa kwa teng. Ka jalo nama ya podi e na le seabe se segolo mo dijong tsa badirisi ba Mahindu.

Mo Aforika Borwa, nama ya podi e ka fitlhelwa mo dibutšhareng tsa Mamoslem, Mapotokisi, Mantariana gape e a ratega mo baaging bao ba nnang kgole le mafatshe a bona, Ba kwa Kenya, Ba kwa Ghana, ba kwa Nigeria, Ba kwa Ugandan le malapa a mangwe mo Metsethokong ya Bokone jwa Sandton, go bolela jalo Khalahari Kid Corporation.
Botlhokakitso jwa modirisi le pono e e sa siamang ka ga go moutlwalo wa nama ya podi e lekanyetsa mmaraka mo baaging ba ba rileng le ditlhopha tse di rileng tsa lotseno.

Tiriso ya Nama ya Podi ka KwaZulu-Natala

©Clive Biggs
Profentshe ya KwaZulu-Natala ke mmaraka o mogolo wa podi go di gaisa mo Aforika Borwa. Dipodi di dirisiwa ke Mamosleme ao a ketekang Eid, meletlo ya Mahindu baagi ba ba tswang kwa ntle ba Bangladesh, Pakistan, Ethiopia, Somalia, Ruanda, Congo, Cameroon le Nigeria. Le fa go ntse jalo, ke maatla a a botlhokwa thata a intasteri ya podi kwa KZN ke tiriso ya dipodi ke setšhaba sa Mazulu. Dipodi di dirisiwa ka mekgwa ya boobamelong ba boraabona gammogo le tsamaiso ya boatlhodi le ikonomi.
Tlhotlhomiso e e dirilweng ke Hilton Sanders ya Indigenous Veld Goats of South Africa (IVG SA) e fitlhetse gore mo kgaolong ya KwaZulu-Natala (KZN) dipodi tsa go feta 850 000 di tlhabilwe ka 2013. (Dipalopalo tse di kgobokantsweng go tswa mo dipuisanong le Lefapha la Temothuo, Ntlo ya Baeteledipele ba setso, balemirui le bagwebi ba dipodi di golotswe mo dingwageng dingwe le dingwe di le tlhano, fela di ne di se teng ka 2018.)

Dipalo tsa 2013 di akaretsa dipodi tse 400 000 tse di tlhabilweng go keteka matsalo, 214 diphitlhong le 42 000 000 mo manyalong a setso. Dipalo tse di solofetswe go oketsega gabedi mo dingwageng tse tlhano tse di tlang ka dipodi tse di di fetang dimilione tse 1.7 tse di tlhokegang mo marakeng wa KZN ka 2018 le go feta.

Dipodi kwa KZN gantsi ke tse mbuzi e e phepa (mothale wa tlhago wa podi ya setlogo) gammogo le Mbuzi e e kgabagantsweng.
KZN e ka se kgone go neelana ka tlhokega ya porofenseng mme dipodi tse tshelang di botlhokwa le go tshela dipodi di rekiwa go tswa kwa diporofenseng tse dingwe gammogo le Namibia. Mo mmarakeng o, dipodi di rekisiwa ka botelele go na le boima, ka jalo phologolo ya dikilogeramo tse 22 le disentimetara tse 50 ak botelele (ka mo bogodimong jwa legetla) e tla bona tlhotlhwa e e kwa godimo go feta phologolo ya dikhilogerama tse 25 ka disentimetara tse 45 botelele. Dipodi tse di rekisiwang kwa KZN gape di batla tlhotlhwa e e kwa godimo go feta fa di rekisiwa gongwe mo Aforika Borwa.

Bontsi jwa dipodi bo rekisediwa badirisi ka tlhamalalo (go ya kwa barekising, kwa go lefelwang gona phenšene kgotsa kwa mafelong a dithekisi) le fela 5% e e rekisiwang kwa fantising.

Translated by Lawrence Ndou