Albertina Sisulu - Mme wa Setšhaba

© Eric Miller

Morago ga gore Albertina a nyalane le Walter o ne a ineetswe mo tlase ga lorato lwa sepolotiki. Fa a ne a ya go iphitlha go nna tlhogo ya Umkhonto we Sizwe (kgaolo ya sesole ya ANC), o ne a nna motlamedi wa lelapa. Ka tuelo ya gagwe ya baoki e ne a tlamela bana ba gagwe, bana ba ba amogetsweng gammogo le ditlogolo di le mmalwa.

Le mororo a na le metswedi e e lekanyeditsweng ya gagwe o ne a gatelela moeng mongwe le mongwe o fepiwa sentle le gore legae la gagwe le tshingwana e nne mo maemong a a lakaselang. Bontsi ba bakgaratlhi ba borre ba ne ba gapeletsega go siela kwa ntle ga nako kgotsa ba romelwa kgolegelong ka nako ya tlhaolele. Albertina Sisulu o ne a tsaya maikarabelo mme a nna mme wa bobedi mo baneng ba ditsala tsa gagwe ba ba neng b asa kgone go nna le malapa a bona.

Dali Tambo, morwa wa Oliver Tambo, e ne e le mongwe wa bana ba. “O ne a nnaya lorato lo lo sa feletseng. O nne a mpitsa morwa wa gagwe, ke ne ke mmitsa mme e bile e ne e le mme wa me wa bobedi,” o ne a bolela jalo. Fa Nelson Mandela le monna wa gagwe ba ne ba golegilwe kwa Setlhakatlhakeng sa Robben mmogo o tlhokometse ka bana ba gagwe (Mandela) le ba gagwe. Malapa a abelane kgolagano e e tiileng e e neng ya nna gone meloko.

Albertina o tsweletse go nna gaufi le Mandela le morago ga loso la mogatse mme e ne e le mongwe wa batho ba ntlha ba go mo etela fa a ne a lwala.

Translated by Lawrence Ndou

Boswa jwa Albertina Sisulu

Albertina Sisulu, yo a bidiwang ka lerato gore Mmaagwe Setšhaba kgotsa Ma Sisulu, o itsege thata ka go nna Moaforika Borwa mokgaratshi kgat...more

Nelson Mandela and South Africa's Famous Ladies Luncheon by Raymond Louw

Lebaka le Tautona Mandela a le fileng mabapi le go laletsa basadi bano – ebile e ne e le kakanyo ya gagwe ka boene – e ne e le kgwetlho ...more