Albertina le Walter Sisulu

© Eric Miller

Kopano ya Ntlha

Albertina Thethiwe o kopane lwa ntlha le Walter Sisulu fa a ne a dira kwa Bookelong jwa Kakaretso kwa Johannesburg ka 1941. O ne a le mokgaratlhi wa sepolotiki ka nako eo. O ne a tlwaetse go mo pata fa a ya dikopanong tsa Kokoano ya Lekgotla la Bašwa.

E ne e le ene fela mosadi yo o neng a tsenela dikopano tse le fa a ne a dira jalo ka tsela ya bokgoni ba tshegetsoe, tota a sa ipone jaaka tokololo. Walter o ne a tshameka ka ena morago ga dingwaga a re, “Dumela moratuwa wa me, o ne o beile matlho fela mo lekaung la gago”.

Walter o Kopa Lenyalo

Bobedi ba ne ba iketlile mo mebileng ya Johannesburg ka letsatsi leo a kopileng lenyalo. Walter o tsere seatla sa gagwe a mo lebelela mme a mo kopa gore a mo nyala. Go tloga ka nako e ba neng ba kopana o ne a tserwe maikutlo ke ena le gore ba ne ba ratana fela nako e nnye pele ga potso ya lenyalo e tlhagelela. O ne a se ipaakanyetsa karabo ya gagwe.

O mmoleletse gore pele ba tsaya sengwe jaaka lenyalo go ne go na le sengwe se a tshwanetseng go se itse ka ga gagwe. O ne a mmotsa gore e ne e le eng mme a mo araba gore o na le bana. O ne a gamaregile gore a tlogele seatla sa gagwe. “Ba ba kae?” o ne a botsa. “Ba bararo” o rile. Se se dirile gore tlhaloganyo ya gagwe e siye ka lebelo.

Go nyala mosadi o o nang le bana e ne e tsewa e le moila ma setšhabeng. A leka go tshola tlhogo ya gagwe o ne a mo botsa ka bokoa gore ba ne ba le kana kang. Ke fa a tlhalositseng gore o tsere maikarabelo a bonnakage ba bararo morago ga gore batsadi ba gagwe ba tlhokofale. Walter o ne a kgatlhegile. O solofeditse go abelana maikarabelo le ena fa ba setse ba nyetse mme o ne a sa swabisa. E se fela morago ga gore o laletse morwarra Albertina go tla mo Orlando Botlhapa go feletsa sekolo.

Kgang ya Lerato e e Kgolo Thata mo Aforika Borwa

Albertina le Walter ba nyetse ka 1944 le Nelson Mandela jaaka monna yo o gaisang. Ba ne ba nna le bana ba le batlhano ba bona (Max Vuyisile, Mlungisi, Zwelakhe Lindiwe le Nonkululeko), mmeba ba amogetseng ba bangwe ba bane. Ka 2003 Walter a tlhokafaletse mo diatleng tsa mosadi wa gagwe.

Ba ne ba nyalane dingwaga di le 59. Kwa phitlhong ya gagwe, setlogolo sa bona se badile tlotlo e e yang go ena mo boemong jwa gagwe: Walter, ke eng se ke se tla se dirang kwa ntle ga gago? E ne e le ka ntlha ya gago gore ke tsoge mo mosong, ke ne ke tshelela wena... O ne wa tsewa ke bosula ba nako e e fetileng lwa ntlha, mme ke ne ke itse gore o tla boela mo go nna.

Jaanong seatla se se tsididi sa loso se go tsere mme sa tlogela phatlha mo pelong ya me. Kamano ya ba kwa Sisulu gantsi e tsewa e le nngwe ya dikgang tse di kgolo thata tsa lorato mo Aforika Borwa.

Translated by Lawrence Ndou

Boswa jwa Albertina Sisulu

Albertina Sisulu, yo a bidiwang ka lerato gore Mmaagwe Setšhaba kgotsa Ma Sisulu, o itsege thata ka go nna Moaforika Borwa mokgaratshi kgat...more