Mantis Shrimp

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Mantis shrimp

Leina la Maranyane

Stomatopoda

Semeto

E ka nna 30 cm, fa bontsi bo ka nna 12 cm.

Ponalo

Mmele wa yone o moleele mme o na le dikarolo, le dipara dile tlhano tsa maoto. Para ya nntlha e dirisetshwa go thubaganya. Sekgapha sa ka fa tlase(Thorax) se tiile mme se kgona go temeka kwa dimpeng. Matlho a tlhagele mo thitong tse di golang fa godimo ga tlhogo ya yone. Mebala e a farologana ka fa e ka nna borokwana, ‘beige’, go ya go botala jo bo galalelang, boshibidu le botala ba legodimo.

Dikitsiso

Tlhamagano ya mophato wa Stomatopoda o na le malapa e le 19 le mephato ele 120. E rata go iphitla mo mesimeng, mme e tsoma setlhabelo ka go se tlhaba ka lerumo kgotsa go phatlhola sekgapha sa sone. Matlho a yone aa matswakabele a e thusa go tsoma ka manontlhotlho. Gantsi e tsoma bosigo. Di tshwarelela mae a tsone mo go tsone go fitlela a thuba. Mae ao a batlhile a tshwana le planton, mme a nna jalo go fitlhella a gola go nna tse di mmotlana.

Dijo

E fepa ka tlhapi, di’crustaceans le di’molluscs.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula mo lefatshe.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Giant smashing mantis shrimp
Echinosquilla guerinii
Peacock mantis shrimp
Odontodactylus scyllarus
Spearing mantis shrimp
Alima laevis