Hottentots Fig
Mmabobe

Leina

Mmabobe, Hottentots Fig, Sour Fig kgotsa Ice Plant

Leina La Se-Latin

Carpobrotus edulis

Tulo

Mmabobe ke senanabi sa kwa lebopong se se fitlhelwang kwa matlapaneng le marotobolo a a setseng a tsepamisitswe fale le fale. Dithunya di dulafatswa ka gale ke ditshenyekegi tse di farologaneng. Go na le mefuta e le mmalwa ya Carpobrotus, mengwe ya ona e dirisiwa go ralala lefatshe mo tsepamisong ya mmu o ô gogolegang.

Leungo

Maungo a Mmabobe a matute ebile aa jega mme a ka omiswa kgotsa a dirisetswa go dira jeme.

Thanololo

Semela seno se tlhogisa dikala tse di telele ka dipara tsa matlhare a a matute a a khutlho-tharo ka karolo. Dithunya di phepole di le kgolo mme di itshupa, di tshwana le sethunya sa daisy go se kalo. Selekanyô: Matlhare a boleele jwa 50mm; dithunya di bolegare jwa 70mm.

Dintlha Tlhagiso

E theilwe leina go ya ka leungo la yona, Mmabobe ke phepô ya ditshedi di le mmalwa, dikhudu di ja matlhare fa ditshwene le sikaloopodi di ithatela dithunya le maungo. Dirugi tse di jaaka noko le tsona di ja maungo fa batho ba dirisa maungo go dira di-sauce le jeme.
Dithunya di dulafatswa ke dinotshi le mefuta e e farologaneng ya dikhukhwane. Dithôtse di gasagantshwa ke mantle a ditshedi tse di iphepang ka tsone.