Curly Leaf Grass
Rathathe

© D. Wessels

Leina

Rathate, Curly Leaf, Curly Leaved Love Grass

Leina La Se-Latin

Eragrostis rigidior

Ditiriso

Ke tlhaga e e fulwang ya setlwaelo ka matlhare a a thata a se kae. Ke tlhaga e e fulwang ya botlhokwa kwa mafelong a a senang dipula, kwa e ka melang ka bontsi. Go bonala ga yona kwa nageng ke sesupo sa go petlekwa ga mmu.

Thanololo

Boleele go fitlha go 1m. Rathathe ke tlhaga e e tshelang sebaka. Matlhare a a omileng a bulegile mme a kgweleane. Thunya-kakaretso ke ngatana e ê repileng ka kalana tse di fa tlase tse di rulagantsweng ka metsopego. Kgatla tsa letlhare le le fa tlase okare pampirinyana. Nako dingwe e na le maledu a matlhare le/kgotsa a medi mo nokong e ê fa tlase.

Tulo

Rathathe gantsi e mela kwa mafelong a a petlekilweng jaaka mafatshe a temô a kgale le kwa mafelong a a futsweng thata le/kgotsa a mmu o ô gogôlegileng. E fitlhelwa gantsi mo mmung o ô motlhaba le o ô selôkô. E mela mo borwa jwa Afrika le kwa Afrika Botlhaba kwa bokgakaleng jo bo jaaka Kenya le Uganda. E mela gantsi mo dikgaolong tse di bothitho.

Thunyô

Diphalane – Motsheganong mo Afrika Borwa