Tsela ya go Gimolola go Lema Dijalo

© Glenneis Kriel

Pele fa molemerui a ka simolola go lema dijalo tsa bona, ba tshwanetse go leba metswedi e e leng teng - metsi, lefatshe, matlole le badiri. Se se tla ama mofuta wa dijalo, nako ya go jala, le bokana ba go jala.

Molemirui gape o tshwanetse go swetsa gore dijalo di tla dirisediwa eng - go thibela kgogolego ya mmu, go tokafatsa boitekanelo ba mmu, jaaka furu ya diruiwa, go nna dijo tsa batho, go romelantle kgotsa tiriso ya selegae kgotsa sejalo sa madi a mo seatleng? Ee, dilekanyetso tse di jaaka mofuta wa tlelaemete, phitlhelelo kwa mebarakeng, didiriswa le tlhokego di tla tlhotlheletsa temo ya dijalo le ditshwetso ka ga yona.

Metswedi ya go Lema Dijalo

© Glenneis Kriel

Metsi
Go tlhomamisa gore ke sejalo sefe se se tla jalwang go ikaega ka gore ke eng se se setseng se le teng. A go na le metsi a go nosetsa, didiriso tsa nosetso, sediba kgotsa metsi a tlhaog jaaka pula ya ka gale? Ke eng boleng jwa metsi, tlamelo ya metsi ke e tlhomameng jang mme dijalo di tla tlwaela motswedi wa metsi?

Lefatshe le mmu
Ke bogolo bo bo ka na kang ba lefatshe le leng teng? A le a fitlhelelwa ke badiri kgotsa metšhine le gore ke mofuta wa mmu o mofe?
Teko ya mmu go tlhomamisa mofuta wa mmu, diteng tsa kotlo ya mmu le monono ka kakaretso le tshwanelo ya go lema dijalo e botlhokwa. Akanya ka go arola lefatshe go nna digora tse dinnye go kgonisa go dirisa thefosano ya dijalo, go fokotsa bogodu le phitlhelelo ya diruiwa tsa baagisani le batho.

Matlole
Ke madi a feng a a leng teng go jala dijalo? Ke tsenyeletso efe ya madi eo dijalo di tla nnang le yona le nako e e tla tsewang pele ga thobo e ka rekisiwa. Sekao, tshwantshanya ditshenyegelo tsa go tlhoma serapa sa motlhware tse di tla tsayang dingwaga di le mmalwa go bontsha poelo fa go bapisiwa le ditshenyegelo tsa go tlhoma heketara ya merogo e e farologaneng, e e ka robiwang mo tsamaong ya ngwaga. Togamaano ya kgwebo e e nonofileng e botlhokwa go fitlhelela matlole a a jaaka a a adimilweng kgotsa thebolelo.

Bodiri
A go jala dijalo mo polaseng ya gago go tlhoka ya badiri kgotsa metšhine e e leng teng? Fa badiri ba le teng, a go lema dijalo go tla tsenelela mo dintlheng tse dingwe tsa bolemirui? A metšhine e teng kgotsa a metšhine e ka hiriwa? Fa go le jalo, tlhomamisa ditshenyegelo tsa lookwane, dituelo le bokgoni jo bo rileng jaaka bakgweetsi ba ba tlhokwang ba dijalo tse di rileng tsa gago.

Go Jala Sejalo Sefe

Go swetsa ka gore ke dijalo tse di fe tse di tshanetseng go jalwa go ka nna matswakabele le kgakololo ya maobi wa peo kgotsa raikonomi wa temothuo a ka nna mosola.

Maemo a bosa kgatlhanong le Dijalo
Maemo a bosa a polase ya gago, mofuta wa mmu le pula di tla tlhomamisa katlego ya sejalo. Sekao, mabele le lebelebele di emelelana le komelelo ke dijalo tse tshwanetseng go nna dijo tsa batho le diphologolo, fa maemo a bosa a a bongola a tla rata banana le ntshokuno ya letlhakasukiri.

Dijalo tsa Tiriso ya Bofelo
Se se eleletsegang ke gore, sejalo se tla oketsa kgono ya mmu, go tlamela ka dijo go diphologolo le batho mmogo le go tlamela ka lotseno. Dijalo di ka jalwa mo gare ga dijalo tsa leruri tse di jaaka ditlhare tsa maungo, go tsepamisa mmu mo mekgokoloseng go oketsa kgono ya metsi go tsenelela mo mmung.

Menawa e e jaaka dinawa tsa kgomo e oketsa naeterojene mo mmung. Ke dijalo tsa khurumetso tse siameng, e neelana ka mafulo kgotsa furu ya diruiwa e bile e ka robiwa ka ntlha ya matlhare a yona a a humileng ka poroteine le dipeo tse di jewang ke batho. Fela jalo, mabele ke sejalo se se emelelanang le komelelo kumo se se ka oketsang dibodi mo mmung mme se ka fulwa ke diruiwa mme sa robiwa ka ntlha ya dithoro tsa sona, go dira furu kgotsa nsthokuno ya mafura a tlhago.

Tlhotlhwa ya Dijalo
Pegelo ‘ponelopele ya tlhagiso ya temothuo, tiriso, ditlhotlhwa le kgwebo mo Aforika Borwa ka 2018 go 2027’ ke Biro ya Molawana wa Dijo le Bolemirui (BFAP) e bonela pele mekgwa ya dijalo mo Aforika Borwa.

Dijalwana tsa sešeng jaana tsa dijalo tsa masimo mo Afrika Borwa di bontsha diphetogo tse di botlhokwa mo go jaleng dijalo. E supile gore dijalo tse di jaaka mmidi o serolwane (segolobogolo jaaka dijo tsa diphologolo) le dinawa-soya di a atologa, gantsi ka tshenyegelo ya mmidi o mosweu, o o leng motheo wa dijo ka tlwaelo. Se ke ka ntlha ya go bobedi dipoelo tse di kwa tlase tsa bantshakuno ba dithoro gammogo le tlhokego ya dijo tsa diphologolo tse di leng dithoro jaaka balemirui ba tlaleletsang maruiwa a bona morago ga dikomelelo.

Ditshenyegelo tsa Ditsenngwateng tsa go Ntshakuno ya Dijalo

Biro ya Molawana wa Dijo le Bolemirui (BFAP) gape e bonetse pele gore mo magareng ga 2018 le 2027 tlhatlhogo ya ditlhwatlhwa tsa oli le go fokotsega ga kelokananyo ya ranta ya Aforika Borwa mabapi le madi a mafatshe a mangwe e tla oketsa ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa temothuo tsa monontsha le leokwane. Ka jalo tiriso e e lekaneng ya dithoto ka bobedi dithoto di ka fokotsa ditshenyegelo.

Go tsenywa dijwalwa tsa senawa mo motswakong wa mafulo kgotsa dijalo tsa madi di ka thusa go aga dipolokelo tsa naeterojene mo mmung mme di ka fokotsa ditshenyegelo tsa monontsha wa naeterojene. Fela jalo, go dirisa disalela tsa masimo go dira monotsha le go tsenya dikhupetso go ka aga bokgoni jwa go tshola bongola mo mmung le go fokotsa ditshenyegelo tsa go nosetsa.

Translated by Lawrence Ndou