Temô ya Botswa-tsheding ke Eng?

© Surplus People Project

Temô ya botswa-tsheding ke tsamaiso ya go dirisa mekgwa ya temô e e siametseng tikologo go tokafatsa itekanelo ya mmu soil health, go sireletsa tikologo le go netefatsa boitekanelo jwa batho. Balemi ba dirisa mekgwa ya temô ya setso le ya sešweng mme ba e patagane le dipatlisiso go netefatsa tekatekano mo ditikologong-tshedisano tsa tlhagô.
Temô ya botswa-tsheding ka jalo e kaya tiriso ya mekgwa le dilwana tse di siametseng tlhagô le tikologo. Ga gona menontsha ya khemikhale le dibolaya-disenyi kgotsa dibolaya-mefero tse di letleletsweng. Temô ya botswa-tsheding e ikaelela go dira tikologo e e itekanetseng, dijo tse di boitekanelo le badirisi ba ba itekanetseng. Fa tikologo e ditlhagiswa tsa temôthuo di jalelwang mo go yona e itekanetse, setlhagiswa e tla nna se se itekanetseng mme badirisi le bona ba tla nna le phôlô e ntle le masole a mmele a a botoka.
Temô ya botswa-tsheding e farologaneng le temô ya botshedi le e e tlwaelegileng. Temô ya botshedi e siametse tikologo mme, fa go kgonega, e dirisa monontsha wa botswa-tsheding, fela batlhigisi ba na le go tshela nitrogen (N) mo mmung go tokafatsa itekanelo. Monontsha nako dingwe ke wa khemikhale. Temô e e tlwaelegileng ke fa mekgwa ya temôthuo e diriswa ka maikaelelo ale mangwe fela a go bona thôbô e e kwa bogodimong jo bo kgonagalang. Fa bontsi jwa dibolayamofero, dibolaya-disenyi le menontsha bo tshelwa mme go jalwa sejalo sele sengwe ka bontsi, seo se bitswa temô e e tlwaelegileng.

O ka Hloma Bjang Bophelo bja Diphedi tša Tlhago

Ka temô ya botswa-tsheding, dijalo tse di farologaneng di jalwa mmogo go bopa tshedisano-futafuta e kgolo (tshedisano = botshelo, futafuta = mefuta ka go farologana). Motlhagisi wa botswa-tsheding o tshwanetse go nna le mefuta ele mentsi e e farologaneng ya ditshedi ka fa go kgonegang mo polaseng ya gagwe - mefutafuta ya ditshenekegi, dinonyane, dijatsedingwe tse di nnye le diamusi, mmogo le bontsi jwa dimela tse di farologaneng.
Fa thulaganyo eno - e e bitswang tikologo-tshedisano - e sa lekalekane mme go na le bontsi jwa mofutanosi wa phologolo, e ka nna lerôbôrôbô. Sekai, fa marubitshi a nyeleditswe mo polaseng, dipêba e ka nna lerôbôrôbô ka ge go sena dija-pêba tsa tlhagô go ka di laola.
Dikai tsa mokgwa-tiriso ya temô ya botswa-tsheding di akaretsa tikoloso-jalô crop rotation (go sa jale sejalo sele sengwe ngwaga le ngwaga mo mmung ole mongwe), jalô ya dijalo le dithunya tse di rileng tse di ngôkang dija-ditshedi (ditshenekegi tse di iphepang ka disenyi) le tiriso ya dibolaya-disenyi tsa tlhagô go lwantsha malwetse le disenyi.

O ka Thoma Bjang Bolemi bja Manyoro

Motlhagisi yo o batlang go tlhagisa ditlhagiswa tsa botswa-tsheding o tshwanetse go nna le kitso ya tse di latelang:
Go solofelwa eng gotswa go molemi wa botswa-tsheding?
Ke ditlhagiswa dife tse di letleletsweng kgotsa tse di ileditsweng mo temông ya botswa-tsheding.
Ke mekgwa efe ya temôthuo e e diriswang mo temông ya botswa-tsheding mme ke gore eng e diriswa.
Go ikwadisetswa jang go nna motlhagisi wa botswa-tsheding.
Ditlhagiswa tsa botswa-tsheding di bapatswa jang le kae.
Molemi wa botswa-tsheding o tshwanetse go ka bona pele tokomane ya sešweng ya melawana-tiriso ya botswa-tsheding ya Afrika Borwa mme a sweetse gore a ka ikwadisetsa go bona setifikeite jaaka motlhagisi wa botswa-tsheding kgotsa o tla lema ka setlwaedi. Setifikeite se ka dirwa ke Afrisco, bothati jwa Afrika Borwa jo bo rebolang setifikeite sa botswa-tsheding se se neilweng dithata ka fa tlase ga melawana-tiriso ya IFOAM (International Federation of Organic Agricultural Movements). Tuelo e e rileng e tshwanetse go dirwa mme motlhatlhobi o tla dira ditlhatlhobo ngwaga le ngwaga.
Batlhagisi ba ba reboletsweng setifikeite ba amogela nomoro-ikwadiso gotswa kwa bothating jwa setifikeite mme ba ka rekisa ditlhagiswa tsa bona ka fa tlase ga letshwao la bothati jwa setifikeite seo. Ka matshwanedi, ba sireleditswe ke molao mme ba kwadisitswe jaaka batlhagisi ba botswa-tsheding. Motlhagisi ga a tlhoke go bona setifikeite sa polase yotlhe ya gagwe mme ga a tlhoke go bonela dijalo tsotlhe tsa gagwe setifikeite, fela go tshwanetse ga nna le pharologano e e tlhapileng magareng ga dijalo tsa botswa-tsheding tse di nang le setifikeite le dijalo tse di lengwang setlwaedi.
Go na le paka ya phetogelo kwa tshimologong ya temô ya botswa-tsheding. Ke nako e e tseiwang go ka fetoga gotswa mo temông ya setlwaedi goya go temông ya botswa-tsheding mme e sweetswa goya ka melawana-tiriso ya botswa-tsheding. Nako ya phetogelo ke dingwaga di le pedi mo lobakeng lwa dijalo tsa ngwaga le ngwaga jaaka merogo, le dingwaga di le tharo go dijalo tse di tsayang dingwaga-ngwaga jaaka ditlhare tsa maungo le merara ya mofeine.

Translated by Nchema Rapoo