Taolô-Bosa ya Thuonong - Themphoritšhara

© Glenneis Kriel

Maemô a bosa a ka nna le seabe se se golo mo itekanelong le botsogông tsa dikgogo, segolo thata fa dikgogo di tsholwa mo ntlwaneng. Taolô-bosa e tsenyeletsa taolô ya dithemphoritšhara, bongôla le tsamaô ya mowa kgotsa motsamaô wa phefo.

Dithemphoritšhara

Dithemphoritšhara tsa mo ntlwaneng ya dikgogo tse di rotloetswang di farologana gotswa mo mofuteng mongwe wa kgogo go ya kwa go yo mongwe, mme mefuta mengwe, jaaka ya tsa melala e e letwadi, e kgona go itshokela dithemphoritšhara tse di bothitho go phala mefuta e mengwe. Dikokwana tsa melala e e letwadi ka fa go le lengwe di koafatswa ke maemô a bosa a a tsididi, ka jalo go fa tlhogo gore o tlhagise mofuta o o siametseng maemô a bosa a tikologo ya ntshô-tlhagisô ya gago, segolo thata fa dikgogo di tlile go bewa kwa ntle.

Dithemphoritšhara tse di eletsegang tse dikgogo di ka bewang ka fa tlase ga tsona di tla ikaega ka seelô sa bongôla. Fela dikgogo tse di beelang tsa kgwebo di tshwanetse go ka bewa mo dithemphoritšhareng tse di fa gare ga 20 °C le 24 °C. Dikgogo di ja dijo ka bontsi go leka go ithuthafatsa ka 1 °C nngwe le nngwe e e kwa tlase ga tseno, fa boleng jwa mae, ntshô-tlhagisô le jegô di amega ka fa go sa siamang fa dithemphoritšhara di oketsega go feta tseno.

Dithemphoritšhara tsa kagô tse di rotloetswang tsa dikgogo tsa nama di ikaegile thata ka dingwaga. Jaaka molao-kakaretso, dikokwana tse di nang le letsatsi le le lengwe di tlhoka themphoritšhara ya 34°C go ka itumela, morago ga fao dithemphoritšhara di ka fokotswa ka 0,3 °C tsatsi ka tsatsi go fitlha dithemphoritšhara di fitlhelela 20°C mo bekeng ya bone.

Di-thermometer ga dia a tshwanela fela ke go bewa mo bogodimong jo bo ka lekanang le boleele jwa lengôlê gotswa fa fatshe go ka kala le go êla tlhôkô dithemphoritšhara mo mafelong a a farologaneng mo ntlwaneng ya dikgogo, fela barui ba tshwanetse gape ke go leba dikgogo tsa bona gore ba bona fa di ntse ka phuthologo. Dikgogo tse di gatselang di tlile go kokoana mmogo mo lefelong le le nosi go ithuthafatsa, mme tse di thuthafetseng di tlile go phatlhalala kgakala le metswedi ya mogote. Dikgogo tse di utlwang mogote thata di tlile go fegêlwa le go felelwa ke mowa.

Fa go le tsididi

  • Mekgwa e e farologaneng ya thuthafatso e ka diriswa go oketsa dithemphoritšhara, gotswa go ya motlakase go ya go ya gase, ya letsatsi le ya go tshuba dikgong. Mekgwa enô gape e ka nna e e itaolang kgotsa e e laolwang ka diatla. Akanya ka ga tlhwatlhwa le pônô-bonolo tsa didiriswa fa o tsaya tshweetso ka ga mokgwa o o tla o dirisang.
  • Fa kgaolo ya ntshô-tlhagisô e nna tsididi thata, e tla be ele kakanyo e ntle gore o rue dikgogo tse di beelang tse di setseng di godile mme ka jalo di kgona go itshokela dithemphoritšhara tse di rurufetseng, gona le dikokwana tsa nama tse di nang le letsatsi le le lengwe, kgotsa o ka rulaganya tlhagisô go efoga go nna le dikgogo mo felo-tlhagisông ka dinako tseno.
  • Fa go diriswa dikagô tse di bulegileng, matlhabaphefo a ka tswalwa ka digaretene go tshola kagô e le bothitho.
  • Pulelomowa e tshwanetse go diriswa go phatlhalatsa mogote ka go lekalekana mo ntlwaneng. Phatlhalatso e e bokowa ya mogote e ka baka gore dikgogo tse dingwe di gole ka bonako go feta tse dingwe, mme seno se bake go sa lekalekane ga dikgogo.
  • Felo-tlhagisô go ka fokotswa ka go kgaoganya lefolo la tlhagisô ka bogare go diriswa garetene fa dikgogo di santse di le dinnye.
  • Dikagô di tshwanetse go ka amoganngwa le go thibiwa go thibela serame.

Kgatelelô ya mogote e ama tsamaiso ya metabolism ya kgogo

©Glenneis Kriel
Farmer’s Weekly e fana ka maele a a latelang mabapi le kgatelelô ya mogote mo dikgogong:
  • Pulelomowa e tshwanetse go ka oketswa go sutisa mowa o o mogote gotswa mo dikgogong. Seno se ka dirwa ka go bula digaretene mo dikagông tse di bulegileng kgotsa ka go dirisa sefetlhamowa go tsamaisa phefo
  • Fa dikgogo e le tsa free range, di tshwanetse go nna le moriti
  • Dikgogo di tshwanetse go nna le metsi a a rurufetseng a a lekaneng. Di ka se nwe metsi fa a le bothitho
  • Sefepi se ka ntshwa ka motsi o mogote o leng kwa godimo mme se rebolwe ka dinako tse di rurufetseng
  • Pellets le mafofora di tshwanetse go nêêlwa dikgogo gona le dusty mash go fokotsa tshenyegelo ya maatla
  • Phepô e tshwanetse go ka tlaleletswa ka dimenerale le di-vitamin go busetsa ditatlhegelo tse di bakilweng ke komisô le go fegelwa
  • Go tshwarwa dikgogo le gona go tshwanetse go fokotswa mo gare ga letsatsi fa dithemphoritšhara di le kwa godimo
  • Kitlano ya dikgogo le yona e ka fokotswa

Translated by Nchema Rapoo