Soapfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Soapfish

Leina la Maranyane

Grammistidae

Semeto

E ka nna 40 cm, fa bontsi bo ka nna 15 cm.

Ponalo

Mmele o tsepameng mme o pinegile ka bophara. Molomo o mogolo mme o na le motlhagare wa kwa tlase oo tlhagelelang kwa pele. Megatla ya sebopego sa kgolokwe. Megatla ya kwa sefubeng e kgolokwe. E ka nna le mebala ee farologaneng jaaka botala ba legodimo jo bo galalelang, distripe tsa mmala wa lephutshe kgotsa bontsho le bosweu kgotsa selefera le botala ba legodimo.

Dikitsiso

Lelapa la Grammistidae la kwa tlase le na le mephato ele 7 le dibopiwa dile 28. Ke engwe ya leloko la lelapa la di-groupers. Ga di ka tenega di ntsha mamina a a naang le bootlhole aa tshwanang le lefulo mo metsing. Di rata go iphitlha ka tlase ga marulelo a mafika. Bontsi ba dibopiwa tse ditsoma dijo bosigo. Di ka bonwa gantsi di tsoma le ditlhapi tse ditona. Di tsala ka go tshela mae mo metsing (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka ditlhapinyana le di-crustaceans.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Goldribbon soapfish (Aulacocephalus temminckii)
Sixstripe soapfish (Grammistes sexlineatus)
Snowflake soapfish (Pogonoperca punctata)