Robben Island: Kgolegelo Go Bontsi

Maemô a Botshelo a Pejana a Bagolegwa

©Eric Miller
Maemô mo setlhaketlhakeng ka dingwaga tsa bo-1700 a thata go ka a lepa ka ntlha ya tlhokegô ya dikgatiso le go se nneng teng ga dikagô tsa motsi oo, fela motho a ka fopholetsa gore botshelo e ne ese mantlwane. Bagolegwa ba le bantsi ba ne ba pateletswa go dira tiro e e thata ya diatla mo setlhaketlhakeng, ba epa letlapa kgotsa ba kokoanya dikgapa. Thebolo ya dijo e ne ele kwa tlase ka metlha mme di ne di aroganngwa ka bonnye, selo se se bakileng ditshupetso di le mmalwa tsa bagolegwa.

Ga go sepe sa seno se se neng se ka thibela keletso ya ka metlha ya kgololosego, mme maiteko a le mmalwa a go ngwêga a ne a dirwa mo dingwageng. Ka nnete, batho ba le bantsi ba ngwêgile gotswa Robben Island go feta ka fa go amogelwang. Mekoro e ne ka kgapetsa e utswiwa gotswa kwa ntlwaneng ya mekoro, mme dikepe tse di tswang kwa dinageng tse di kwa ntle di ne ka nako dingwe di ema fa setlhaketlhakeng kwa ntle ga molao, ka tsholofelo ya go iponela maloko a bodirela-kepe a tlaleletsô. Bangwe ba ka tswa ebile ba thumile go ralala mosele o o tsididi go ya kwa nageng-kgolo.

Tshika ya Bobedi ya Bagolegwa mo Robben Island

©Tracey Derrick
Tshika ya ntlha ya bagolegwa ba sepolotiki mo Robben Island e ne ele Basarwa ba Kapa ba ba neng ba le kgatlhanong le puso ya ma-Dutch le baeteledipele ba marabela ba ba kobilweng gotswa kwa dikarolong tse dingwe tsa bolaodi jwa Dutch East India Company, jaaka Indonesia. Tshika ya bobedi e ne ele baeteledipele ba selegae gotswa kwa melelwaneng ya Kapa Botlhaba ba ba neng ba thopilwe le go romelwa kwa setlhaketlhakeng, nako dingwe ba patilwe ke bahumagadi le bana ba bona.

Ma-Britain ba ne ba lwa le batho ba selegae mo matlhakoreng otlhe mo katolosong ya kgaolo ya bona ya Afrika Borwa. Ka fa tshwanelong, go ne go na le bagolegwa ba bangwe ba sepolotiki ntle le baXhosa ba ba dutseng nako mo Robben Island ka bo-1800. Basarwa bangwe ba ne ba romelwa koo ka ntlha ya seabe sa bona mo Bokkeveld Rebellion ya 1824. Kgosi ya baZulu eleng Langalibalele, tlhogo ya morafe wa Hlubi, o ne a tshwarwa koo go simolola ka 1874 go fitlha ka 1875 ka ntlha ya botsuolodi jwa gagwe kgatlhanong le matsholo a Britain kwa Natal. Mme baeteledipele ba Dintwa tsa Koranna, tse di lwetsweng go ikala le noka ya Orange ka 1870 le 1879, le bona ba ne ba golegelwa go gana go obamela Kgosigadi le Naga.

Translated by Nchema Rapoo