Porcupine
Noko

© Nigel Dennis

Leina

Noko kgotsa Cape Porcupine [Hystrix africaeaustralis]

Ponalo

E tona le a namagadi di na le bokete bo ka nna 18 go ya go 30kg(40-60lb) mmogo, ka boleele jwa 2-3 feet. Setlhong sa Afrika ke losika la bo rotwe mme se na le mebutlwa e meleele ka seemeto sa 50 cm e e aparetseng mokwatla wa yone otlhe. E kgona go ka emisa mebutlwa e ka mesifa e e ka fa tlase ga letlalo la yone. Le gam me e tshwana thata le Echidna ga e wele mo losikeng la yone. Echidna e e itsiweng jaaka anteater e e mebutlwa ke mofuta wa Monotreme e e aparetsweng ke mebutlwa ee mutsu ee thata mme e kgogantswe le bobowa bo bo makgwakgwa. Fela jaaka Echidna Noko e na le letlalo le lentshwana ka mebutlwa e mesetlha. Noko yone e ka meta boleele jo bo ka tsayang jwa Echidna gabedi (80 cm vs 47.5 cm).

Noko ke rodent e e kgolwana mo sebakeng sa tsone. Bokete ba e namagadi bo ka nna kwa godimo ga e tona ka fa mmogo di ka bona botele ba selekana sa halofo ya mitara. Di kgona go phela dingwaga dile 12-15 mo sekgweng. Noko e na le bobowa jo bo makgwakgwa ka mmitlwa ee 50 cm ka boleele le di-quils tsedileng 30 cm ka boleele. Mitlwa ya yone e ka emitsetswa diphologolo tse dingwe go di tshosetsa le gore e lebege ele tona. Mebitlwa mengwe kwa gogatleng a yone di na le mosima ka jalo di a roroma ka modumo fa e dithulagantsha. Mebitlwa e kgona go somoga fa phologolo e ngwe e ka e kgoma mme di gola ka pele. Noko e na le ditedu tse tse di teletsana.

Dijo

Noko e fepa ka merogo. Ka go dirisa dinala tsa yone e kgona go epa kikutu, di-tubers, le di-bulbs. Di rata maungo a a weleng that aka dinako tse dingwe diketeta setlhare. Mala a yone le appendix a na le di-microorganism tse di thusang fo sila fiber ya merogo.

Kwa mafelong a a nang tlhokego ya phosphorus ditlhafuma marapo (osteophagia). Gantsi di ka bokaganya marapo kwa mesimeng ya yone.

Tsalo

Noko e tona e siamela thobalano fa e bona dikgwedi dile 9-16. Ka go mmele wa yone o le kotsi thata, ee namagadi ke yone e ikatumetsa mo go e tona. E ima dikgwedi dile tharo. Noko e ka tsala ngwana a le esi go ya go ba bane ka fa sentlhageng sa yone mo mosimeng. Seo se diragala magareng ga kgwedi ya phatwe le mopitlwe. Lesea le ka nna bokete ba 311g. Bana ba yone ba tsalwa ba setse ba bopegile thata, matlho a bulegile le meno a setse a medile.

Di na le mafofa a a bobebe le mebitlwa ga ba tsalwa. Seo se thusa tsamaiso ya botsalo fela dithatafala ka pele fa di simolola go utlwa mowa. Bana ba golela ka pela ka fa ba nna batona morago ga ngwaga. Di tla anya dikgwedi dile 3 go ya go tse 4. Ka nako eo di tla bo di le dikiligrama dile 4 go 5kg. Morago ga gore a kgwise ban aba yone. Noko tla kgona go tsala gape kwa morago ga dikgwedi dile 3-5.

Mekgwa

Ga noko e utlwa letsapa e ya nguna e be e emisa bodowa bay one jo bontsho le bosweu. Go le nako ngwe a lengau le kile la bolaiwa ke noko. Noko e ka itsamaela e le esi kgotsa le lelapa la yone. Ka tlwaelo dirobala motshegare dije bosigo. Noko gantsi e tsoga bosigo mme makgetlho magwe e ka bonala motshegare. Di na le ditse tse di bogale mme e ka gagamala fa go na le phologolo e e tsomang jaaka dikatse tsa naga, le dinonyane tse di tona kgotsa dinjwa tsa naga.

Fa di ka tshosiwa di nna bogale thata. Di tla taboga ka letlhakore kgotsa kwa morago gore di emisetse lenaba ditlhoko tsa yone. Bangwe ba dumela gore di kgona go thuntsa ditlhoko tsa yone mme seo ga se nnete. Se se ka diregang ke gore disomoge fa di roromisa gogatla wa yone.

Manno

Noko ya Afrika dibonala go tloga kwa see-level go fitlha go 2000 m kwa godimo ga sea-level kwa mafelong a a nang le dijalo. Di rata go nna kwa maalapaleng a tithaba gore di kgone go bona marulelo le moriti motshegare.

Gantsi di iphitlha mo magageng kgotsa di itseele bonno seolong sa ditshoswane. Di kgona kape go ikagela mesima ya bonno, e e ka nnang boteng ba 20 m ka botona, 2 m ka boteng.

Kwa di ka Bonwang ko Teng

Diphologolo tse di nna kwa bokone ba Afrika, Afrika Borwa le kwa botlhaba ba Afrika.

Vital Statistics

Leina la Selatini: Hystrix africaeaustralis.
Bokete (Mosadi): 10 - 24 kg
Bokete (Monna): 10 - 19 kg
Botelele (Mosadi): 84 cm
Botelele (Monna): 84 cm
Sebaka sa go ima: 7 weeks
Nomore ya Bana: 1 - 4
Bokete ka tsalo: 315 g
Order: Rodentia
Leloko: Hystricidae

Tsalo

Bana ba le 1 – 3 ba tsalwa nako nngwe le nngwe mo ngwageng (kwa dikgaolong tsa tshologo ya selemo ya dipula, Phatwe – Mopitlwe).

Motlhala wa yone

Noko e na le menwa e le 5 kwa maotong a kwa pele, monwana wa ntlha o monnye mme ga o na lenala. Menwana e mengwe e fleets ka manala a a bonalang ga menwana ya maoto a kwa morago yone e na le manala yotlhe ka botlhano bay one. Maoto a yone otlhe e bontsha di-pad tse 3 tsedi intermediate le tse 2 dile proximal.