Podi nama: Go Tlhaga Le go Apaya

© David Blaine
Temothuo ya podi mo Aforika Borwa e tsepamisitse mogopolo mo ntshokunong ya dipodi tsa nama (dipodi tsa setlogo le Tsa Maburu), tlhale (boa ba podi go tswa mo Bdipoding tsa boboa), dikumo tsa didiriswa tsa mašwi go tswa mo dipoding tsa mašwi gammogo le matlalo a mangwe ulu ya podi. Ya tse, intaseteri e e kgolo go gaisa go fitlha ga jaana ke lephata le e seng la semmuso la temthuo ya nama ya podi. Mo lephateng le, dipodi di rekisiwa di tshela le tse bolailweng mo ditlhabelong tse e seng tsa semmuso ka dintlha tsa bodumedi le tsa setso.

Nama ya podi e dira go feta 60% ya nama e khibidu yotlhe e e jewang mo lefatsheng ka bophara. Dikeletso tsa nama ya podi di laolwa ke mamorago a setso le bodumedi gammogo le maemo a botshelo a bosetšhaba le ikonomi, patlisiso ka Tsamaiso ya Katoloso ya Coporasi ya Alabama ya Alabama A&M le Diyunibesiti tsa Auburn kwa USA e fitlhetse. Podi ya nama e ne e etumelelwa ke badirisi ba Hispani bao ba neng ba rata bana ba dipudi ba ba botlana ba boleng jo bo kwa godimo le Ditlhaketlhake tsa Caribba le ditšhaba tsa Mamosleme ba ba ratang nama go tswa mo dipoding tse di kgolwane gammogo le dipodi tse di feletseng (di sa fagolwang).

Cabrito ke podi ya nama go tswa mo dipoding tse di fepilweng ka mašwi, gantsi di tlhabiwa di santse di le tsa bašwa – mo gareng ga dibeke di le 4 le 8 ka bogolo. Dikarolo tsotlhe tsa cabrito di a dirisiwa, go akaretsa le dikagare kgotsa dinama tsa ditho. Nama ke e boleta e le monate ka dingwaga tse. Cabrito ke se semonate mo Bogareng le Amerika Borwa.

Nama go tswa mo dipoding tse di godileng e dirisiwa thata mo dijong tse di fetotsweng jaaka diboroso.

Go Tlhaga ga Kotlo ya Dipodi tsa Nama

Nama ya Podi (chevon) ke e e rategang ka gonne e kwa tlase ka mafura mme ga e na tatso ya tlhago ya phaga. Batho ba le bantsi ba rata nama go tswa mo dipoding tse di ka fa tlase ga dikgwedi di le 12 ka gonne e boletana go feta. Mo godimo ga moo, chevon e kwa tlase ka mafura go feta mmutla, phaga kgotsa nama ya kgomo. Petometsi ya mafura a a mo poding ke 40% go ya kwa tlase go feta koko e e senag letlalo mme ke e ka nnang 50 - 60% go ya tlase ka mafura go feta nama ya kgomo e e baakantsweng ka go tshwana, mme e na le poroteine e e tshwanang.

Fa go bapisiwa le koko (162) nama ya kgomo (179) nama ya kolobe (180) nama ya nku (175), nama ya podi e na le selekanyo sa bonnye go feta sa dikalori - (122).

Boleng jwa Nama ya Podi kwa go Tlhabong

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Ka ntlha ya dintlha tse dingwe tsa nama ya podi (maemo a pH a a kwa godimo le bokgoni jwa lycolytic), go a tlhokagala go dirisa ditsamaiso tse di rileng go tokafatsa boleng jwa nama ya podi. Sekao, tlhotlheletso ya motlakase le go diegisiwa ga mebele go tsidifatswa go ka thibela marapong go khutsafatswa ke serame thibela le go tokafatsa phetogo ya mosifa go ya nameng.

Fa mmele wa podi o tsidifaditswe ka bonako morago ga tlhabo, go khutswafatswa ke botsididi, go feletsa mo mesifa e fetogang. Se se khutsafatsa ditlhale tsa mosifa, se se dirang nama go nna popota.

Matshwenyego a modirisi ka nama ya podi ya thapo e e popota a ka okobatswa ke go golaganya ditiragalo tse jaaka karolo ya tsamaiso e e tlwaelegileng ya go tlhaba kwa matlhabelong.

Go Apaya Nama ya Podi

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Patlisiso ya Amerika e bontshitse gore thuto ya badirisi ka go apaya nama ya podi e a tlhokega go oketsa go ratwa ga nama ya podi. Ka ntlha ya diteng tsa yona tse di kwa tlase tsa mafura, go atlanegisiwa go apaya nama ya podi mo dithempheretšheng tse di tlase.

Go apaya mo dithempheretšheng tse di kwa godimo go ka tlhola go nna popota mme e ka feletsa e le nama e e omeletseng, e e popota. Se se botlhokwa thata fa o apaya nama go tswa mo dipodi ng tse di kgolo, sekao, dipodi tsa bobowa.

Mekgwa ya go apaya apaya apaya e ka feletsa mo dipholong tse di farologaneng go ya ka mengwaga ya podi le mofuta wa podi. Elna van den Bergh yo o dirileng ditekelelo tse di tseneletseng tsa go apaya nama ya podi ya bobedi dipodi tsa Dipodi tsa boboa tse di kgolo le dipodi tse di nnye tsa Maburu o bone pharologanyo mo nameng; nama ya Podi ya Boboa, le mororo go tswa mo go tse di kgolwane, di na le nama ya dithoro go bapiswa le nama ya podi ya Maburu.

Ka nama e e tswang mo diphologolong tse di kgolwane nako e e telele e e bonya ge e apewa kumo e e matutenyana e e feletsang dipholo ka bonako jaaka e e besiwang (gadikwa).

Nama gape e siame go e dirisa jaaka nama e e sitsweng jaaka tlhale e e popota di a kgaolwa ge tsamaiso ya tshilo e diragala.

Botshelo jwa segompieno bo na le go nna matlhagatlhaga go feta kgale mme ga go nne go na le nako ka metlha (le bokgoni) go tsenywa dilwatsisi le go gadika dinama ka bonya sekao.

Elna o atlanegisa gore tlaleletsoboleng ya dikumo tsa nama ya podi tse jaaka disosati, boroso, boroso e e omisitsweng le dikumo tse di tsentsweng dilatswisi di ka rotloetsa badirisi go oketsa tiriso ya nama ya dipodi mo Aforika Borwa.

Translated by Nchema Rapoo