Moray Eels

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Moray eels

Tse Dingwe mo Lelapeng

Leopard, Green, Starry, Black cheek, Guinea fowl, Black blotched,
Golden, Zebra

Leina la Maranyane

Muraenidae

Semeto

E ka nna 4m.

Ponalo

Mmele wa yone o pinegile ka bophara mme e na le matla. Molomo o mogolo mme e na le meno a a bogale a a sekametseng kwa morago. Ga e na makwapa. Ga e na megatlana ya mo sefubeng. Mogatla wa mokwatla o simolola kwa morago ga tlhogo mme o elela go tlola mogatla wa kwa morago le wa kwa maragong. Mebala ya tsone e farologana thata go tloga go bosweu le bontsho, mme gantsi e na le ditsubaba.

Dikitsiso

Lelapa la Muraenidae le na le mephato e ka nna 15 le dibopiwa di ka nna 200. Gantsi o tla e fitlhela mo matlapeng le ka fa tlase ga mafika. E tsoma masigo. E dirisa nko go nkgankgella. E na le para ya bobedi ya motlhagare ka fa gare ga molomo e e nnang mokgokgotsong, mme e bediwa ‘pharyngeal jaws’. E e thusa go tshwarelela setlhabelo gore e kgone go se kometsa.
Tse dingwe tsa dibopiwa tse di ntsha manima a tshefu ka letlalo. Fa e ka loma e tshwaetsa setlhabelo ka pele ka lebaka la dikokwanatlhoko tse di nnang mo menong a yone. Di tsala ka go tshela mae mo metsing gore e tona e kgone go a nonofatsa ka peo ya yone. (Pelagic spawners).

Dijo

E ja di’crabs, shrimps, ditlhapi le di’octopus.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula le a a iketlileng mo lefatshe.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Giant moray eel
Gymnothorax javanicus
Honeycomb moray eel
Gymnothorax favagineus
Geometric moray eel
Siderea grisea