Mekgwa ya Tswaokgwebofatso

© Chris Daly
Diphologolo di ka kwadiwa mo mmeleng kgotsa go tshwawakgwebo ka tshipi e e mogote kgotsa e e suleng dikgapetla. Balemirui ba bangwe le bona tetla e e kgethegileng ya go dirisa mekgwa e mengwe ya tswaokgwebofatso, segolobogolo ka ditšhipi tse dinnye thata tse di dirisediwang diphologolo tsa boleng jo bo kwa godimo.
Tshwenyego e setse e tlhagisitswe ka ga thulaganyo ya tshupo ya diphologolo ya ga jaana, ka molao o o gatisitsweng ka 2018 – Tokomane ya Kwadiso ya go Supa Diruiwa le Go Bona ya Aforika Borwa – e rotloetsa tiriso ya ditheke tsa ditsebe tsa polasetiki tse e leng ditshupo tsa ntlha tsa dikgomo, dinku, dipodi, dikolobe le bolemirui jwa botlhapi. Bontle ke gore ditheke tsa ditsebe di setse di tokafaditswe mo dingwageng tse di fetileng, ka fa yona jaanong e tsentswe go nna le tshupo ya marang a radio, a a nolofatsang tshwaro ya direkoto mo polaseng.

Tshipi e e Bolelo ya Tshwaokgwebofatso

Go ya ka kaelo ya bolemirui ya thibelo le go tshwara bgodu ba diruiwa ya Foramo ya Bosetšhaba ya Thibelo ya Bogodu ba Diruiwa, go botlhofo thata go dirisa tshipi e e farologaneng le letshwao lengwe le lengwe la go tshwaya. Tatelano ya letshwao le mogote di ka lekwa ka logong go netefatsa gore ke le le tshwanetseng pele e dirisiwa mo diphologolo.
Go botlhokwa go nna le mothusi o fetang o mongwe le go tshwawakgwebofatsa diphologolo mo hokong. Thibelamotsamao kgotsa setshwara mangole se tshwanetse go dirisiwa go thibela phologolo go raga modiri.
Tshipi e tla nna le mmala wa molora o mosetlha fa e siametse go dirisiwa mme e bewa, e seng go gatelelwa mo letlalo la phologolo mo dipalong di le tharo tse bonya. Segagane kgotsa metsi a tsididi a ka dirisiwa go tsidifatsa ntho. Kaedi e tsibosa balemirui sentle gore ba se dirise boloko kgotsa go phimola ka lesela, jaaka se se ka tlhola ditshwaetso.

Go Tshwawakgwebofatsa

Go tshwawakgwebofatsa go tsewa go le gontsi go le botho go feta go tshwawakgwebofatso ka tshipi e e bolelo, fela ga se ka gale e atlegileng e beile e akaretsa didiriswa tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo. Phologolo e tshwanetse go thibelwa go go raga mo ka thibelamotsamao kgotsa setshwara mangole mme go tshwanetse gore o nna le mongwe go go thusa. Moriri o tshwanetse go beolwa mo lefelong leo le tlo tshwawakgwebofatswang.
Tshipi, e e tshwanetse go nna thata go feta fao e dirisediwang mo tshwaokgwebofatsong la tshipi e bolelo, e tsidifadiwa mo gare ga seedi sa naeterojene kgotsa kgapetlae e omileng le digalagala tse di kopantshweng, go fitlha fa tshipi e emisa go neelana ka dipudula. Naiterojene e ntsi kgotsa digalagala di tshwanetse go tshikinya pele fa phologolo e tshwawakgwebofatswa, go thibela go elela.
Kaedi ya bolemirui ya thibelo ya bogodu le go tshwara diruiwa e gakolola balemirui go gatelela ka natla metsotswana e le 20 go ya 25 mo phologologn ya dikgwedi di le thataro go ya go di le robedi, ka metsotswana e le 25 go ya go e le 30 mo diphologolong tsa dikgwedi di le robongwe go ya go dikgwedi di le somerobedi le metsotswana e le 30 go ya go e le 35 mo diphologolong tsa dikgwedi tsa go feta 18.

Go Kwala Mmele

Go kwala go dirwa ka tang le enke. Ditsebe di a phepafadiwa pele go thibela enke go kgamathela. Tang ya go kwala mmele e tshwanetse go gatelelwa go fitlhela mesima e tlhagelela mo letlalong le enke e tshwanetse go forotlhelelwa mo mosimeng.

Go Theka Ditsebe

Ka go theka ditsebe tsa banna le basadi mo letlhakoreng lengwe kgotsa lengwe la tsebe ditheke mme di ka kopanywa mmogo ka sediriswa. Tiriso ya ditheke tsa mebala e e farologaneng kgotsa go theka ditsebe tse di farologaneng go ka kgonisa molemirui go farologanya magareng ga diphologolo tse di farologaneng.

Translated by Lawrence Ndou