Mapungubwe Jeoloji

Lebanta le Tsamaya la Limpopo

©Roger de la Harpe

Go bua ka ga thuto ya matlapa, Mapungubwe e ntse mo gare kgamolo ya noka mo bogareng jwa magogo a ma bedi a letlapa le le tiileng thata (karolo e kgolo ya legogo le le tsepameng). Kgatelelo e e bidiwa Lebanta le le Tsamayang la Limpopo. Mo dingwageng tse di 250 tse di fetileng, legogo la lefatshe le simolotseng go sutela go ralala le lebanta le letlapa le le gakologileng go tswa go bogare-gareng ba lefatshe le ne la kgoromeletswa go ya godimo go fitlhela le tswela mo maphanyegong a motlhaba wa letlapa.

Se se bopile dikobo tsa letlapa le, fa motlhaba wa letlapa o kgokolega, kobo ya letlapa e e popota e tlogetswe kwa morago mo mebotwaneng ya sebopego se se tlwaelegileng. Mo godimo ga lekgaba la Mapungubwe o ka kgona go bona sentle sekao sa go somarelwa ga se, go sega go ralala lenaga ka tsela e e tlhamaletseng, mola o o montsho.

Batho ba le bantsi ba akanya gore kobo ya letlapa e ya tlhago tota ke lebota le le golo le le dirilweng ke baagi ba Mapungubwe.

Kgamolo ya Noka ya Limpopo

©Roger de la Harpe

Fela go ne go na le botshelo mo Kgamolong ya Noka ya Limpopo dimilione tsa dingwaga pele ga batho ba fitlha. Masaledi a Mogabalela-morago a ditlha tsa kwa morago di le dimilione di le 200 di fitlhetswe.

Dilo tse dingwe tsa thuto ya masaledi tsa kgatlhego di akaretsa masaledi a dimela tse di thunyang, ditshenekegi tsa mmele o feletseng le dithotobolo tsa dintlhwa. Metlhala mengwe ya Mogabalela-morago le yona e supilwe, e gatisitse mo letlapeng le ntle le le botlhofu la leraga.

Le fa go se na masaledi a ditlogolo tse di fitlhetsweng, didiriswa tsa pele tsa dingwaga tsa matlapa tsa baagi di itshupa mo Phakeng ya Bosetšhaba ya Mapungubwe. Bošeng jaana, bataki ba dingwaga tsa kgale tsa letlapa, jaaka Barwana, ba pentile ditshwantsho mo dipoteng tsa magaga tse di kgotlelelang mo lekgabeng la Leokwe.

Translated by Lawrence Ndou