Maele a Dipotsolotso tsa Ditiro tsa Bolemirui

© Andile Bhala
Gantsi bašwa ba ba batlang go simolola ka temothuo jaaka 'interns/apprentices' barutwatiro mo dipolaseng tsa kgwebo. Motheo wa Balemirui ba Isago ke mokgatlho o o botsolotsang le go tsenya bakopatiro mo dipolaseng go nna le maitemogelo a tiragatso mo temothuong. Gangwe fela fa ba feditse ka borutathuto jwa bone mo Aforika Borwa, bontsi jwa barutwatiro bo ya go fetsa go borutathuto mo bolemiruing ba boditšhabatšhaba. Mosimolodi, Judy Stuart le ‘balemirui ba isago’ bangwe ba feditseng borutatiro ba bona ba o bone ba bangwe ba abelane ka maele a go netefatsa gore dipotsoloso tse siameng.

Ga go na Megala ya Thekeng mo Dipotsolotso

Megaala ya thekeng ga e na lefelo ka mo dipotsolotsong tsa tiro. O time kgotsa o o tlogele kwa gae. Go araba mogala mo dipotsolotsong ke go tlhoka tlotlo le mekgwa e e maswe. Fa batla tiro o tshwanetse go goroga pele, tlhagisa maikutlo a a siameng le go supa tlotlo.

Nna Sethakga le go nna Phepa

Tlhapa mme o netefatse gore o nkga foreše. Apara sentle. O seke wa apara digalase tsa letsatsi. Tsa banna, go tlhagelela o phuntse ka meriri ya mekgwa ya bokgabo ga e ye go go thusa fa o le batla tiro ya bolemirui.

Nyeba

O ka nna le letshogo ka nako ya potsolotso fela o leke go nyeba. Se tla dira maikutlo a a siameng. Go pila go dira le batho ba ba itumetseng - ba thusa mongwe le mongwe fa thoko ga bona le go dira tiro e ratege. Ithute go tshwara ka letsogo ga gago - netefatsa gore ke e tiileng. Se se tlhagisang maikutlo a go itshepa, le fa e le gore ga go jalo.

Kemo e e Siameng

Fa o nna fa fatshe, o nne ka go tlhamalala. Fa o koba kgotsa o relelela go ya fatshe mo setulong sa gago, go ka lebega e kete o bodutu kgotsa go o na kgatlhego. Go a thusa go itshegetsa go ya pele le go leba mo matlhong go kopana le motho yo a go botsolotsang.

Botsa Dipotso

Fa o setse o botsolotswe, o tla botswa dipotso, tse o tshwanetseng go di araba. Fela le wena o tshwanetse go botsa dipotso. Dira patlisiso ka polase le maemo a o kopang tiro ya ona. Fa o itse ka ga polase le mmotsolotsi, botoka. O ka botsa dipotso ka polase; Se se tla bontsha gore o na le kgatlhego le kitso. Fa o na le kgatlhego ka polase ya gagwe, le ena o tla nna le kgatlhego mo go wena, ntlhopheng.
Gape o tla ithuta go le gontsi ka ga tiro le go bona gore ke se o batlang go se dira.
Fa posolotso e fedile, bontsha tebogo ya gago mme o leboge mmotsolosi wa gago ka nako ya gagwe.

Translated by Lawrence Ndou