Lokwalo go ya go Dr Peter Magubane go tswa go Nelson Mandela

Afrika Borwa e ipela ka khumo ya yona ya dingwao tsa mefutafuta le ditso. Le fa dingwe tsa dingwao tsa setso di phuagantswe, tse dingwe di santse di bopa karolo e e botlhokwa ya matshelo a rona a tsatsi le letsatsi, ka nako dingwe di a tswakana le go kopana le sejwalejwale go fana ka motswako wa segologolo le segompieno.

Peter Magubane, yo a ntseng le seabe se se tswileng diatla mo batsayaditshwantshông jwa dikgang mo dingwagasomeng di le nne tse di sa tswang go feta, o dirisitse bokgoni jwa gagwe jaaka motsayaditshwantshô go tshwantsha letlôtlô leno la bosetšhaba la morafe wa rona, le go le gatisetsa nako e e tlang.

Ke motlotlo go nna le tshono eno ya go aba sengwe ka boikobo go tsweletso ya botaki.

NELSON MANDELA
Mopresidente
Naga Ya Afrika Borwa

Peter Magubane's Career

Peter Magubane, mongwe wa batsayaditshwantshô ba ba tlotlomatswang go gaisa mo Afrika Borwa, o ne a tsaya tseno tsotlhe ka boganka. O tsere...more