Loeto Lwa kwa Kgolegelong ya Robben Island

Bakaedi ba Kgolegelo

©Tracey Derrick
Morago ga loeto ka bese, baeti ba latlhelwa kwa matsenong a kgolegelo ya Tlhokomelo e e kwa godimo go simolola ka loeto lo lo maikutlô lwa bohutsana mo kgolegelong. Karolo enô ya ketelô ya gago e kaelwa ke mogolegwa wa maloba was sepolotiki wa makgonthe, mme pônatshêgô ya gagwe e dira gore mosepele go ralala kgolegelo o gopolege le go tseisa maanya.

Bakaedi ba kgolegelo ga ba na katisô e e tseneletseng mme ga ba fiwe lenaane le le rileng go ka le sela morago. Le fa gole jalo, ke boleletswe fa bontsi jwa bagolegwa ba arogana maitemogêlô a a tshwanang mme tlhaloso ya bona ya botshelo mo kgolegelong e na le go tshwana le go ka lekalekana ka maatlametlo. Ke boditse mokaedi wa me, Derrick Basson, gore go utlwagala jang go boela kwa kgolegelong jaaka mokaedi, mme karabo ya gagwe e ne e tlhômame.

Derrick o buile gape gore ênê le bontsi jwa bagolegwa ba maloba ba ba boetseng setlhaketlhakeng go dira, ba dirile jalo ka gonne ba ne ba sa dire, mme ba tlhoka tiro. Derrick o ne gape a nkgopotsa gore bontsi jwa bagolegwa ba golotswe ntle le mofuta ope wa kgakololô ya maikutlô kgotsa kgônagalô ya go bona tiro, mme seno se tshwanetse sa be se le thata go ka metswa.

Mme bakaedi ba kgolegelo ba dira ka natla. Gona ga jaana le bagolegwa ba sepolotiki ba maloba ba le 15 ba ba dirang mo setlhaketlhakeng mme, ka paka e e tlhanaselang, ba kgona go dira maeto a le marataro ka letsatsi. Seno se ka nna letsapa le go tlhoka-phetogô, jaaka tiro ya mo kantorong, fela Derrick o ntetefaletsa fa a bona sengwe se se atswang mo loetong lengwe le lengwe le a le kaelang (mme ga a bue ka madi gotswa mo baeting). Le gale, go a letlelesega go neela mokaedi ofe kana ofe madi a tebogo, mme baeti ba le ba ntsi ba neela baamogedi ba bona moputso fa ba boela morago.

Lefelo le le Boitshepô mo Setlhaketlhakeng

©David Fleminger
Gotswa kwa ntle, kgolegelo ya tlhokomelo e e kwa godimo ke kagô e e kwa tlase e e tshosang ya letlapa le lentsho. E potapotilwe ke metšhôtšhô e me telele e e emeng jaaka batlhokomedi mo sekhutlhong sengwe le sengwe sa motsana. Lebala la metshameko le le lorole, le le dikaganyeditsweng ke terata e e beilweng bothale jo bo mebitlwa fa godimo, le mo karolong ele nngwe ya kgolegelo, mme fano ke fao bagolegwa ba neng ba tshamekela metshameko ya dikgaisano tsa ka fa teng ga kgolegelo teng. Dikomiti tsa metshameko mo Robben Island di ne di rulagane sentle, di kwala metsotso ya dikopano tsa yona le go rebola ditlankana tsa go tsaya karolo go batshameki botlhe.

Go lebagana le kgolegelo ke kramat e potlana (lefelo le le boitshepo) la ga Sayed Adurohman Moturu, eleng Sheik ya Madura. E ne ele morwa-kgosi wa kwa Indonesia yo o neng a lelekelwa kwa Robben Island ka ntlha ya go etelela pele kemo-kgatlhanong ya sepolotiki kgatlhanong le Dutch Each India Company, mme o tlhokafaletse mo setlhaketlhakeng ka 1754. Setopo sa gagwe ga jaana se boloketswe kwa Jakarta, fela ma-Muslim a Kapa a ntse a tsaya loeto lwa sedumedi go ya kwa lefelong la gagwe le le boitshepo mo dingwageng di le 250 tse difetileng, le fa setlhaketlhake e ne e santse e le kgolegelo ya tlhaolele. Kagelelô ya ga jaana ya lefelo leno e agilwe ka 1969, mme moletlo wa dijo o o bitswang Khalifa o tshwarelwa fano ngwaga le ngwaga.

Mantlwana-fitshwana a Botlhe

©Tracey Derrick
Jaaka o tsamaya go dikologa legora la terata e e rusang e e dikaganyeditseng kagô ya kgolegelo, maikutlô a letswalo okare a runya gotswa mo mmung. Mme, ka tshoganyetso, o iphitlhela o le mo kgolegelong.

Kemo ya gago ya ntlha gantsi e tlile go nna mantlwana-fitshwana a botlhe a Block A. Fano, mo baeti botlhe ba dulang mo dipankeng tse di beilweng go ikala le mabota a ntlwana-fitshwana, mokaedi wa gago o tlile go go bolelela ka ga maemô a botshelo a ka mo gare ga kgolegelo, mme o tlile go tlhalosa mefuta e e farologaneng ya dikotlhao tse di rebolelwang bagolegwa. Gompieno, mantlwana-fitshwana a loleya mme a tsididi jaaka konkoreite, mme motho a ka akanya ka ga pitlagano le modumo tse di kileng tsa nna setlwaedi mo karolwaneng enô.

Ditshwantshiso tse di galalelang fela di supa tlhôkô-kitsô mo maboteng a mantlwana-fitshwana di phatsimisa dilo go se nene, fela di pentilwe ka 1991, fa bagolegwa botlhe ba sepolotiki ba ne ba setse ba dule. Gotswa mo mantlwana-fitshwana a botlhe, o iswa go ralala lolapa lo lo fietsweng ke phefo, go feta dikagô tse di farologaneng tsa botsamaisi, go tsena mo kagông ya kgolegelo e kgolo. Fano ke fao bookelo, kantoro ya bosekaseki le mantlwana-fitshwana a bogolegwa-nosi a baeteledipele jwa sepolotiki di leng fa teng.

Lebala le le Tumileng la Boitshidilô

©Tracey Derrick
Morago ga go tsamaya mo seferwaneng sa modumo o o ipoêlêtsang, o ntshwa ka monyako le go tsena mo lebaleng le le potlana la konkoreite, le le dikaganyeditsweng ke lebota le le kwa godimo. Leno ke lebala le le tumileng la boitshidilô fao Mandela le bagolegwa ba bangwe ba ba ‘kotsi’ ba dutseng diura di le mmalwa tse di kgethegileng mo letsatsing, pele ba busetswa mo mantlwana-fitshwana a bogolo jwa lebokoso la ditlhako a a mabapi. Lebala ga jaana le na le motsêlêtsêlê wa ditshwantshô tse kgolo tsa batho ba ba tumileng ba ba kileng ba golegelwa fano, fela e santse e le lefelo le le sa namatseng. Ga go gakgamatse gore Mandela le ba bangwe ba lemile tshingwana mo letlhakoreng le lengwe la lebala, go leka go fefofatsa dilo.

Morago ga motlotlo o mo khutshwane mo lebaleng, mo go ona mokaedi a tlhalosang ka fao baeteledipele ba ba tlhaotsweng ba neng ba kgona go buisana le bagolegwa ba bangwe le batho ba ba kwa ntle ka mokgwa wa go dirisa marafatlhatlha a a matswakabele a go sunkunyetsa, boidiidi jwa baeti bo leba kwa B Section. Karolwana enô e na le mela ya mantlwana-fitshwana a bagolegwa-nosi, a a rulagantsweng ka dipara go ikala le seferwana se se sesane, se se bonesetswang ka dipone tse di roromang tsa neon. Mme jaanong ke nako ya kgogedi e kgolo: Cell 5, Block B. Enô ke kamotshana e potlana e e neng e tshotse mongwe wa bagale ba ba gaisang ba ngwagakgolo wa bo someamabedi, Nelson Mandela.

Translated by Nchema Rapoo