LM Berea Grass

© Strohbach

Leina

LM Grass, Berea Grass

Leina La Se-Latin

Dactyloctenium australe

Ditiriso

E jalwa go tsepemisa motlhaba kwa naga-gare le kwa lobopong. LM Grass e a jega mme e diriswa sentle ke diphologolo, le fa e se matlhare jalo. LM Grass e itsagale thata mme e tumile segolo jaaka tlhaga ya talafelaruri ya boalo jwa ditshingwana tsa selegae.

Thanololo

LM Grass ke tlhaga e ê nanabelang e ê tshelang sebaka e ê itumelang ka fa tlase ga moriti mme ke tlhaga ya boalo e ê tumileng ya ditshingwana mo borwa jwa Afrika. Thunya-kakaretso e na le kalana tse 2 kgotsa 3 kwa ntlhaneng. Matlhare a botala jo bo tseneletseng mme a phatsima ka meritshana e ê phatlhaletseng mo masitlhareng.

Tulo

Ka fa tlase ga maemo a tlhago e gola kwa dikgweng tsa tlhaga, ka fa tlase ga meriti mo mmung o o motlhaba. LM Grass e fitlhelwa ka bophara mo Afrika Borwa – mo ditshingwaneng le kwa nageng.

Thunyô

Ferikgong – Motsheganong

Dintlha Tlhagiso

LM Grass e katswa e reetswe ka leina la sekoloniale la mošate wa Mozambique, Lorenzo Marques, jaaka e tlwaelegile kwa nageng eo. E itsagale ka maina a le mmalwa go ya ka kgaolo fela le le tlwaelegileng la thekiso ke Berea Grass.