Lizardfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Lizardfish

Leina la Matshamekwane

Grinners, Allies

Leina la Maranyane

Synodontidae

Semeto

E ka nna 60 cm, fa bontsi ba tsone bo ka nna 20 cm ka semeto.

Ponalo

Mmele o moleele ka tlhogo e e kgutlotharo. Meno a a bogale. Mogatla wa mokwatla o kwa magareng a mokwatla wa yone. Magalapa a go hema a matona go feta tlhogo ya yone. Ka mmala e boshibidu, bontsho le ditsubaba tse ditshetlhana go aparela mmele wa yone otlhe.

Dikitsiso

Lelapa la Synodontidae le na le mephato e le 5 le dibopiwa dile 55. E ka bonwa e kotame kwa tlase ga lewatle e tshwana le mokgantitswane. E ikgethela go nna mo santeng kwa tlase ga metsi. Gantsi e rata go iphitlha ka santa fa e tsoma setlhabelo gore e se tlhasele se sa lebelela. E tshwara setlhabelo ka lebelo le le kwa godimo. E namagadi e tsolola kgesti ya mae mme ya monna e nonofatse mae (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka ditlhapinyana.

Anamiso

E bonwa mo metsing a mawatle a a didimetseng a mafelo a dipula le mogote le mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Blacktail lizardfish - Synodus jaculum
Sand lizardfish - Synodus dermatogenys
Variegated lizardfish - Synodus variegatus