Knifejaw

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Knifejaw

Leina la Matshamekwane

Beakfish

Leina la Maranyane

Oplegnathidae

Semeto

E ka nna 90 cm, fa bontsi bo ka nna 50 cm.

Ponalo

Molomo wa yone o o batlileng o tshwana le wa Papalegae (Parrot-like beak) ke bontlha jwa sefatlhego jo bo farologanang tsa bagolo.O bopilwe ke meno aa mmopaganeng. Mogatla wa mokwatla o kwa tlase thata. Mogatlana wa kwa morago le mogatla wa bobedi wa mokwatla e bopa mmele o kgutlho nne ka sebopego. Mmala wa yone o ka farologana go tswa go selefera ka bontsho, go ya kwa bosetlha ka matshwao a masweu.

Dikitsiso

Lelapa la Oplegnathidae le na le mofuta o le 1 le dibopiwa dile 6 tse di farologaneng. Makwapa a mannye mmele otlhe. Ke sebopiwa se se ditlhong mme se rata go iphitlha ka fa tlase ga matlapa motshegare. E tsoma dijo tsa yone bosigo. Mmala wa tse di mmotlana o farologana le tsa bagolo. E tsalla mo makgwarapaneng(gravel) mme tse ditona di nonofatsa mae fa a sena go beelwa fao.

Dijo

E fepa ka di’barnacles, molluscs, sea urchins, seaweed, sponges le di’red-bait.

Anamiso

E bonwa mo metsing a mawatle a a didimetseng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Banded knifejaw - Oplegnathus fasciatus
Cape knifejaw - Oplegnathus conwayi
Spotted knifejaw - Oplegnathus punctatus