Kgato ka Kgato ya Popego ya Kgolokwe ya Vredefort

© David Fleminger

Palo e Kgolo Thata ya Maatla

Jaaka naledi e e mogatla ya Vredefort fa e tla mo Lefatsheng ka lebelo, lebelo la yona le ne le ka nna fa gare ga dikhilometara tse di 40 000 le 270 000 ka ura. Fa e thubagana mo mmung, maatla a magolo thata a ne a gololwa ka tshoganyetso ka thunyo e e neng e le ya kelo e e ka nnang makgetlo a 5000 a maatla go feta le Mosimanyana, bomo ya nyutlelia e e neng ya bidiwa ka go sa tlhomama e e sentseng kwa Hiroshima.
Go lekanyetswa gore thulo e ne e ka lekanyediwa 14 mo Sekaleng sa Richter, kgotsa ka makgetlho a 100 000 go feta thoromo ya lefatshe ka maatla e e nnileng bosula gotlhelele.
Naledi e e mogatla e ne e tseneletse dikhimetara tse di ka nnang 10 mo gare ga lefatshe pele ga e phatloga ka fa tlase ga kgatelelo. E segile mo gare ga matlapa a Teransefala, Ventersdorp, Witwatersrand le kwa Pusong ya Ditlhopha tse Dikgolo go bonatsa bodilo jwa letlapa le le tiileng ka Kontinente ya Kaapvaal.

Letlapa la Tekanyo

Khuti ya nakwana e e letlhakore le le tlhatlogileng e ne e sa tlhomamang, le fa go le jalo, e bile ya phutlhama ka bonako morago ga ditiragalo tsa thulo. Molelwane wa khuti e e kgolokwe e ne ya robega go nna le metseletsele ya matlhagare, ao a tsweletseng go relela go ya boteng jwa kgamolo ya noka.
Ka metotswana, khuti e ne ya nna bophara mo popegong ya sejana se se seng boteng se se neng se na le molagare wa dikhilometara tse di ka nnang 300. E atologile go tswa kwa Pretoria go ya kwa Welkom, mme e sa ntse e ka bonala ka motseletsele wa mebotwana e e iphitlhileng (go akaretsa le Witwatersrand) e e neng e sekamesitswe ke thulo.
Ka nako e le nngwe eo kgolokwe gore e ne e thubegang, tsholetso e ne e bopega mo bogareng jwa khuti. Se ke ka ntlha ya petso ya naledi e e mogatla, matlapa kwa bogareng jwa thulo e ne a sosobantswe that. Morago ga fa naledi e e mogatla e mowafetse, kemiso ya kgatelelo go tswa kwa godimo e letleletse matlapa go boela morago kwa godimo, go tshola ritibalo ya ona.
Ntsho e e tlhodile gore karolo ya latlapa le le tiileng la Archaea go phunya dillaga tsa letlapa le le nnye fa godimo ga lona. Dillaga tse di fitileng tsa matlapa a kwa Witwatersrand le Ditlhopa tse Digolo tsa kwa Teransefala di ne tsa fufisetswa mo letlhakoreng la tsona mme tsa fetolwa, go bopa kholoro go dikologa bontsi jwa matlapa a tlhatlogang a kgale.
Ka jalo tsholetso gape e ne ya kwa tlase, mme e santse e phunyeleditse fa godimo ga molelwane wa khuti. Morago thata, letlapa le le tiileng la Vredefort ya bogologolo le le neng la tsholetswa mme la tlhagisiwa le na la kgaolwa go nna dikgapetla tsa matlapa, ‘letlapa la tekanyo’ le ne le dirisiwa kgabisa dipilara tsa boemelafofane jwa selegae kwa Johannesburg.

Naga ya Thaba ya Kgolokwe

Lenaga le le tlhageletseng, jaaka go tlhaotswe ke tsholetso e e mo bogareng e e dikaganyeditsweng molelwane wa sediko o o kgaogileng o o bophara, gamolo ya noka e e anameng, e bidiwa khuti e e matswakabele mme e tshwanetse go bapisiwa le dikhuti tse di nnyennyane ‘tse di bonolo’, jaaka e e leng kwa Tswaing. Ka setegeniki, ke fela tsholetso e leng mo bogareng (kwa tshimologong e ne e lekanya dikhilometara tse di 100 go ralala) e tshwanelwa ke go nna Kgolokwe ya kwa Vredefort. Popego ya khuti e e setseng ga e a sirelediwa ke molao ope wa boswa.
Ka nako ya thulo, boalogodimo jwa fatshe bo ne bo lekwa godimonyana go feta fa bo leng gona gompieno, mo dingwageng tse di fetileng di le dibilione tse 2, popego ya kgolokwe ya kwa Vredefort e ne ya gogolwa thata. Kwa karolong ya borwa bophirima jwa khuti, letlapa le le ntšhwa la Setlhopha se Seglo sa kwa Karoo se ne sa khupetswa ke popego ya kgolokwe, fa diretse tse dingwe di ne tsa tlatsa gamolo ya noka e e bophara go dikologa kgolokwe.
Gompieno, fela masaledi a bonalang a kgolokwe ke mebotwana e e seka sediko e e nana le digoro fa gare ga ditoropo tsa Potchefstroom le Parys. Sebopego se sa thutatlapa se se gakgamatsang se bonala sentle mo ditshwantshong tsa kwa godimo le ka sethelaete, mme jaanong e itsewe jaaka Kgolokwe ya Bergland kgotsa Naga ya Thaba ya Kgolokwe.

Translated by Lawrence Ndou