Ke Bokgoni bo Bonolo Bofe bo bo Tlhokegang mo Bolemiruing?

©Andile Bhala
Mo bolemiruing, ga se fela bokgoni ba go dira ka natla bo bo tlhokegang, sekao go kgweetsa, go enta, go nosetsa kgotsa go poma dimela, mme gape le bokgoni bo bonolo jaaka tlhaeletsano e e siameng, boitshwaro bo bo siameng le botshepegi.
Gakologelwa gore sengwe le sengwe se o se dirang go tlhama go kakanyo mo go mongwe. Netefatsa gore dikakanyo tseo di siame.
Fa ke bokgoni bo bonolo jo bo tlhokegang gore o nne molemirui yo o tsweletseng.

Nna le Boitshwaro bo bo Siameng

Boitshwaro ba gago bo tla go isa pele mo botshelong go feta go batla go nna le dithoto dingwe le dingwe tse o ka nnang natso. Boitshwaro bo bo siameng bo raya go nna le temogo le go dira ka natla. Dumela go dira ditiro tsa tlaleletso mme o se ke wa šakgala. Boitshwaro bo bo siameng bo dira gore batho ba bangwe itumelele go nna mo thoko go gago.
O se nne mafega. Fa o le mo maemong a a kwa godimo, go ka direga gore se nne moeteledipele ka ntlha ya maemo a gago. O tla nna moeteledipele fa batho ba go tsaya jaaka sekai. Nna mongwe wa setlhopha mme o etelele pele go tswa mo setlhopheng. Fa ba go tlotla le go itse gore o a ba kgathalela, ba tla dira gore moeteledipele wa bone le go latela sekao sa gago.

Supa Maitsholo a Tiro a a Siameng

Maitsholo a tiro a raya eng? Ke boitshwaro ba gago mo tirong ya gago. Go raya gore o dira tiro ya gago ka go ela tlhoko dintlha ka botlalo. Boloka bukana le pene mo kgetseng ya gago ya go kwala dintlha le go kwala dipotso.
Batla ditšhono tsa go ithuta mme o go dire go feta se se solofetsweng mo go wena. Kwa bokhutlong, go o e direle mothapi wa gago, o e direla wena ka bowena.

Ka Gale o Ikanyege

Boikanyego le go tshepagala di nyalane sentle, mme ga se selo se le sengwe. Fa o ntse o tlhola o le boikanyego, mothapi wa gago le batho ba bangwe ba tla go solofela.
Mongwe le mongwe o dira diphoso, mme tsela ya go samagana le phoso e ka sala go nna botlhokwa thata go feta phoso ka boyona. Fa o dirile phoso – e nnye kgotsa e kgolo - bolelela mothapi wa gago. Tsaya maikarabelo. Mothapi wa gago o tla itumelela boitshwaro jwa gago jo bo siameng le bopelo kgale go ema fa pele ga gagwe e be o re ‘ke maswabi’.

Laola Nako ya Gago

Fa o lemarua, go nna mo nakong go botlhokwa. Nnete ke gore, leka go fitlha pele ga nako kwa tirong letsatsi le letsatsi. Fa o tsamaya mo maitseboeng netefatsa gore tsotlhe di siame. Ka go dira jalo, o supa gore o a rata. Metsotso eo e le mmalwa e ka se dire pharologano e kgolo mo go wena mme e ka tlogela kakanyo e kgolo mo mothaping wa gago. Gape o a ikatisa go tsaya boikarabelo mme e ka nna go tlhoma mo maemong a go laola.
Ka gale e nna mo nakong ya mabaka. Sekao, fa o akanya gore go tla go tsaya metsotso e le 30 go fitlha ko teng, tloga metsotso e le 45 pele ga nako ya kopano.
Nna le nomoro ya motho wa motsereganyi yo o yang go kopana le enam mme o mo itsese fa sengwe se ka direga gore se tlhole tiego.

Dira Tiro ka Tshwanelo

Netefatsa gore o bona dintlha ka botlalo ka tshwanelo - e ka raya pharologano magareng ga go atlega le go palelwa. Fa o neetswe tiro gore o e dire, netefatsa gore e dirwa ka tshwanelo le ka tolamo.
Go dira sengwe se se siameng ga go tshwane le go laola sengwe le sengwe se se nnye. Fa o na le batho ba go direlang mo go lona, netefatsa gore ba itse gore tiro ya bona e gore ba solofela. Ba letle go tsaya ditshwetso mo tikologong ya bona ya maikarabelo.

Go Thusa ba Bangwe

Fa o bona gore mongwe o tlhoka thuso ka tiro, ya go ba thusa. Ga go kgathalesege gore ke tiro e fe kgotsa ke mang. Bontsha gore o a kgathala - o ka tlhoka thuso ya bone morago ga nako.
Morutwatiro wa maloba wa Balemerui ba Isago Lunga Ndwandwa o khutlisa bokgoni bo bonolo bo bo tlhokagalang mo tsamaisong ya polase: ‘Lorato ke karolo e e botlhokwa thata. O tshwanetse go rata se o se dirang. E ama boitshwaro ba gago le botshelo bo nna botoka. Ka metlha nna wa ntlha mo tirong le wa bofelo wa go tsamaya. Dira jaaka e kete ke kgwebo ya gago ka ntlha ya gore fa o dira jalo, o tla bo o itirelo ka bowena’.

Translated by Lawrence Ndou