Eland

© Nigel Dennis

Leina

Eland [Taurotragus oryx]

Popego

Tse ditona di ka gola go ya go 1,7 bogodimo jwa dimitara mme e bo e nna boima jwa dikilograma tse di 900. Kwa ntle ga go mme o o bokete, Eland a matlhagatlhaga a a seng kana ka sepe e bile e kgona go tlola magora bonolo fela. E na le serotswana kwa magetleng le letlalo ka fa tlase ga seledu. Boima jwadinka tsa bong ka bobedi tseo di kobegetseng kwa morago di boleele jwa nngwe ya metara e kwadilweng. Ditshadi ke tse dinnye, tse di ka nnang 450 ya di kilograma. Tse tona di na le lebala la moriri o o mo ntsho mo phatlheng o o apesitseng letlalo. Tse ditona le tse di tshegadi ka bobedi di na le mmala o o borokwa jo bo setlha ka mmala mo matlalong a tsona. Gape di na methalo e tlhamaletseng e me sweu, e e farologaneng go eland.

Dijo

Eland e ja ditlhare le ditlhatsana, e dirisa mefuta e e farologaneng ya dimela. E ka tshela lobaka lo lo leele e sa new metsi, fela jaanong e ikaegile mo maungong a Tsamas le Gemsbok Cucumbers go fitlhelela ditlhokego tsa metsi.

Pelegiso

Le mororo Eland e sena setlha sa pelegiso, mo Aforikaborwa go nnile le go elwa tlhoko gore go na le tse di fa godimo thata go feta dinamane tse di tsetsweng go feta dikgwedi tse dingwe. Namane e le nngwe fela e e tshotsweng morago ga go dusa mme ga paka ya dikgwedi di le robongwe. Dinamane di ka siana le motlhape diura di le mmalwa morago ga pelego.

Maitsholo a yona

Nngwe ya dipharologantsho tse di kgatlhang tsa motlhape wa Eland ke gore e akaretsa tlhokomelo ya dinamane. Fa e tshosediwa ke dibata, mophato o itira setlhopa kwa pele ka bophara jwa tse ditona mme di bo sireletsa dinamane le ditshadi tse di imileng kwa morago. Fa e sale go fuduga ga metlhape ya Eland go batla mafulo a matalana kwa tikologong tse di kwa kgakala,go leka dipoo tse di busang ga di sireletse tikologo. Le rata go busa tikolo le go nn amonna mo dikgomong ka nako ya go dusa.

Bonnotlhago

Tikologo e e rategang e farologane go tswa go seka-sekaka, mo go ang le bojang, mo go nan gle ditlhatsana, Bokone jwa noka ya Namune, go ya go ditlhatsana mo KwaZulu-Natal. Eland e sasanka bosigo le dimela tse di monyela metsi mo moweng go le bosigo ka seedi gore di kgone go tla go tlamela phologolo e no ya leloko loo pudi ka metsi.

Di fitlhelwa kwa kae?

Eland ka bonwa mo mnafelo tshireletso a diphologolo tsa mo Aforikaborwa. Mo dikgaolong tseo di neng di fiditse gone di buseditswe mem di tshela ka boitumelo.

Dibatana

Di-Eland tse di golo e nna ditswasetlhabelo tsa Setlhopha sa ditau le diphiri tsa mabala, mme tse di nnye di nna batswasetlhabelo ba diphologolotse di jang nama jaaka Nkwe, Lengau le dintšwa tse di tlhaga.