Crested Barbet
Kôpaôpe Ya Moetse

© Shem Compion

Tebego

Ka molomo wa ona o mokima le mafofa a a mebalabala, Kôpaôpe e ka se go timelele. Ke nonyane e nnye ka sefatlhego sa mmala o o serolwana se se dikôlô le bohibidu, ka moetse o monnye o le montsho. Mpa e serolwana ka dikôlô tse khibidu, maphuka a mantsho ka dikôlô tse tshweu, mme ena le mola o o sephara o montsho mo molaleng.
Tlhogo le mmele di serolwana ka mafofa a mantsho le bosweu, ena le matshwao a mahibidu kwa bofelong jwa mmele, mmala wa yona o kopana sentle mo sekgweng. Di na le modumo o o itshupileng.

Phepo

Kôpaôpe e ja ditshenyekegi, mae a dinonyane tse dingwe le maungo.

Tsadiso

Di tsalela mo dikhuting tsa ditlhare kgotsa mo sentlhageng sa maitirelo sa Sasal mo tshingwaneng ya selegae. Ke bophela-nosi ebile di lefufa ka kgaolo ya tsona fa di tsadisa. Bogolo jwa kgaolo ya ona e farologana go ya ka tikologo. Mae a beelwa ka Lwetse go ya go Sedimonthole. Lee le le 1 go ya go a le 5 a beelwa ka letsatsi. Go elama go tsaya matsatsi magareng ga a le 13 go ya go 17, go simolola ka lee lwa bobedi kgotsa lwa boraro mme ke tshegadi e gantsi e elamang.
Ditsuwane di thuthuga di sena mafofa ebile di sa bone. Di fepiwa ditshenyekegi ke batsadi ka bobedi. Mantle a ntshiwa gwangwe le gape ke batsadi mo ditsuwaneng. Di tswa mafofa a maphuka morago ga matsatsi a ka nna 31. Go gatisitswe bana ba ba ka fitlhang botlhano setlha sengwe le sengwe sa tsadiso.

Maitshwaro

Di tsalela mo dikhuting tsa ditlhare kgotsa mo sentlhageng sa maitirelo sa Sasal mo tshingwaneng ya selegae. Ke bophela-nosi ebile di lefufa ka kgaolo ya tsona fa di tsadisa. Bogolo jwa kgaolo ya ona e farologana go ya ka tikologo. Mae a beelwa ka Lwetse go ya go Sedimonthole.
Lee le le 1 go ya go a le 5 a beelwa ka letsatsi. Go elama go tsaya matsatsi magareng ga a le 13 go ya go 17, go simolola ka lee lwa bobedi kgotsa lwa boraro mme ke tshegadi e gantsi e elamang. Ditsuwane di thuthuga di sena mafofa ebile di sa bone. Di fepiwa ditshenyekegi ke batsadi ka bobedi. Mantle a ntshiwa gwangwe le gape ke batsadi mo ditsuwaneng. Di tswa mafofa a maphuka morago ga matsatsi a ka nna 31. Go gatisitswe bana ba ba ka fitlhang botlhano setlha sengwe le sengwe sa tsadiso.

Maitshwaro

Di fitlhelwa ka bonosi kgotsa ka para. Di rata go tlolatlola fo fatshe di batlana le dijo, gantsi di tswidinya go tswa mo mekaleng di sa iphitlha. Ga di fofe bonolo mme di fofa sekgala se se khutshwane. Dikôpaôpe di nna mo dikhuting tse di mo ditlhareng. Di modumo thata, modumo wa tsona ke motswidinyo o o roromang o o ka tswelelang sebaka se se leele.
Dikôpaôpe Tsa Moetse di mafega thata go dinonyane tse dingwe tse di leng mo kgaolong ya tsone mme di lelekisa bagaisani ka bona ba dintlhaga jaaka bo-kôpaôpe ba bangwe le dinonyane tse dingwe jaaka maeba le matsutsuropu. Go gatisitswe gape fa di kile tsa tlhasela legotlo le go bolaya noga.

Tulo

Kwa nageng le ditshingwana tsa selegae, dikgwa tse di kitlaneng le mafelo kwa metsi a fetang teng.

Di fitlhelwa kae

Dikôpaôpe Tsa Moetse di tlwaelegile mo borwa jwa Afrika. Di fitlhelwa gape kwa Zimbabwe, Mozambique, Botswana le Nambia Bokone.