Botshelo jwa Pele jwa BaTsonga

Botshelo mo Mutini

©Dr Peter Magubane

Botsalo jwa ngwana ke nako ya boitumelo that mo setšhabeng sa Batsonga. Gantsi basadi ba losika ba bogolwane, kgotsa basadi ba bangwe, ba ne ba thusa bomme ba baimana mo dikgatong tsa bofelo tsa boimana ba bona le botsalo jwa ngwana.

Masea a a sa tswang go belegwa a ne a okwa ka melemo le mme ba kgabisiwa ka dikgatlhi le dipheta. Ka tlwaelo bomme ba ne ba anyisa mo nakong ya dingwaga di le pedi ya bophelo ba bana ba bona. Fa bana ba simolola go tsamaya, kgatelelo ya go ba godisa e a kgaogangwa mo gare ga mme le go feta boausi.

©Dr Peter Magubane

Bana ba solofetswe go dira ditiro tsa mo gae ba santse ba le bannye. Basetsana ba thusa bommabona ka ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, go kgobokanya dikgong, le go rwalela metsi go tswa mo nokeng e e mo gaufi, motsweding wa metsi kgotsa pompo ya metsi, ka go rwala diduti tsa metsi mo ditlhogo tsa bona.

Basimane ba bagolwane ba ne ba disa motlhape wa lelapa, fa basimane ba bannye ba disa dipodi. Mo dikgaolong tse dintsi tsa Transefala wa bogologolo mameo a bogolo a ne a fitlhelelwa morago ga go ropisiwa. Basimane le basetsana ba ne ba ropisiwa ka ditlhopha tse di farologaneng, mme fela fa meetlo e e beilweng e dirilwe, ba ne ba letleletswe go nyala.

Translated by Lawrence Ndou