Botshelo jwa Bomagae jwa Batswana

Metse ya Setso

©Dr Peter Magubane
Tswana initiates gathering to eat.

Metse ya Batswana ga e a tlwaelega mo borwa jwa Afrika ka ntlha ya bogolo jwa yona jo bo golo fela bo subêletshegile, seno ke ditlamorago ka bontlhabongwe tsa tikologo ya yona e e kwakwaletseng. Ka bonnete mo tshimologong ya bogare jwa ngwagakgolo wa bo-19, metse mengwe ya Batswana, e e neng e kitlane go feta ka ntlha ya mabaka a tshireletso, e ne e tletse batho go feta Cape Town, toropokgolo ya bokoloniale e e kgolo go gaisa mo borwa jwa Afrika ka nako eo.

Mo malobeng go ne go sa makatse gore maloko otlhe a morafe a dule ka go kokoanya mo motseng o o gaufi le kgosi. Dikgosi dingwe di ne tsa busa metse e e mabapi, ka go thopa lefatshe le ka go aga metse ya palo e e kwa godimo ya batho ba di ba tlisitseng ka fa tlase ga puso ya bona. 

Lelapa, le le nang le bokao jwa setso le jwa legae, ke karolwana ya morafe e potlana go gaisa, gantsi ke monna, mohumagadi wa gagwe le bana ba ba sa nyalang, fela gantsi le akaretsa barwa ba ba nyetseng, le barwadi tota, balekane ba bona le bana. Malapa gantsi a ne a na le ntlo ele nngwe kgotsa go feta le dintlwana tsa polokelo mo jarateng e e dikaganyeditsweng ke legora la lotlhaka kgotsa logong, kgotsa lebota la mmu. Balekane ba ba nyalaneng gantsi ba ne ba arogana ntlo le bana ba ba nnye.

Bana ba ba mo legatong la moroba ba bong ka bobedi ba arogana ntlo, mme bagolo ba ba iseng ba nyale ba ne ba kgaoganngwa ka bong. Matlo a ne a dirisetswa thata go robala le go boloka dilo, go apaya le ditiro tsa itumediso di ne di direlwa mo jarateng e e bulegileng. Mo dingwaga tsa pejana, maloko a lelapa a ne a ikagela mme gape ba itlhagisetsa bontsi jwa dijo tsa bona. 

Lefatshe, leruo le dikagô tsotlhe di ne di laolwa ke tlhogo ya lelapa yo a neng a di rebolela ba ba ikaegileng ka ene. Jaaka tlhogo ya setlhopha sa fa gae, o ne a solofela kobamelo, bodiredi le tlotlô gotswa go bahumagading le baneng ba gagwe, mme o ne a tsamaisa ditumalano tsotlhe tsa semolao le batswantle. Thapelo le setlhabelo, tse di direlwang badimo ke lelapa, e ne tsotlhe ele maikarabelô a gagwe, le fa kwa morago a ne a kopa thuso gotswa go bagolo ba lesika le matona a morafe gotswa kwa malapeng a mangwe.