Botaki le Bodira ka Diatla tsa Sepedi

© Dr Peter Magubane

Mmino le Motanso

Bodira ka diatla jwa Sepedi jo bo botlhokwa bo akaretsa di tsa-letsopa, go penta matlo, petlo (segolobogolo ya meropa), boroba-tshipi le bodira-dibaga. Mmino wa setso o na le sekale sa dinnôtô tse thataro, mme mo malobeng o ne o letswa ka seletswa sa lotlhaka lo lo phuntsweng diphatlhana se se bitswang dipela. Gompieno diopedi di dirisa diletswa tse di jaaka harepa ya Bajuta le harepa ya Majeremane, e e fetogileng go nna ya Sepedi. Gongwe se se itsagaleng go gaisa ke motanso wa kiba, o o kileng wa be ele wa kwa magaeng mme fela ga jaana ke mmino o o fudugang. 

Ka fa letlhakoreng la banna go na le setlhopha sa badiragatsi, mongwe le mongwe ka peipi ya aluminum e e futswelwang kwa ntlhaneng e nngwe ya seêlô sa modumo se se farologaneng (naka), e e tlhagisang molodi o o yang tlase ka kopano ya mmino e e humileng. Banna ba apara dikhete tsa kilt (go gopotsa seabe sa Bapedi le dinaga tse di neng di kopane ka Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe) ga mmogo le moaparo wa setso.

Letlhakore la basadi le na le dipina (dikoša) tse mo go tsona moopodi mongwe le mongwe a lomaganyang mafoko a dipina a bogologolo. Go opela le go bina kiba ke nngwe ya ditiragalo di le mmalwa mo basadi ba aparang diaparo tse di kgabisitsweng tsa makgarebe, tse di aperweng lantlha morago ga thupiso. Dikiba ka bobedi tsa banna le basadi di patiwa ke setlhopha sa baletsi ba meropa, e ga jaana e dirwang ka metomo ya oli le ditorotoro tsa maswi. 

Translated by Nchema Rapoo