Bosireletsatshedi jwa Barui-potlana ba Dikolobe

© National Pork Board and the Pork Checkoff. Des Moines, IA USA.

Bosireletsatshedi ke Eng?

Bosireletsatshedi ke dikgatô kgotsa melawana e e thibelang go tsena ga malwetse mo polaseng le kanamô ya malwetse kgotsa pathogens mo gare ga polasa.

Malwetse a a Masisi a Kolobe

Malwetse a a tshelanang le metlhampepe ele mentsi a ka anama ka bofefo go kolobe goya go kolobe le gotswa go dikolobe goya go diphologolo tse dingwe. Letshoroma la kolobe la Afrika kana African swine fever (ASF) le bolwetse jwa molomo le tlhakwana kana foot and mouth disease (FMD) ke dikai tsa malwetse a a kotsi go dikolobe, a a ka bakang ditatlhegelô tse kgolo. Afrika Borwa e na le megare eno ka bobedi mo motlhapeng wa bosetšhaba, mme e baka tshenyô e kgolo go mmaraka wa ntshetsôntle. Seno se ne se tla etegela fa lefapha la malwetse a diphologolo la puso le ne le sa tshole taolô e e gagametseng mo maphateng otlhe a bosireletsatshedi jwa bosetšhaba mo temôthuong ya kolobe.

Go na le melawanatsamaiso mo Animal Health Act e e tlhokang barui ba diphologolo go begela kantoro ya puso e e gaufi ya malwetse a diphologolo palo e e sa tlwaelegang ya dintshu mo leruong la bona.

Malwetse a Kolobe a Anama Jang?

©National Pork Board and the Pork Checkoff. Des Moines, IA USA.
Ditshwaetsego di anama gotswa go phologolo goya go phologolo ka ditsela di le di ntsi, fela thata ka go kgomana kgotsa kgotlelego ya tikologo. Malwetse le pathogens a ka anama gape ka sefepi kgotsa dilwana tsa kagô. Fela mo mabakeng ale mantsi ke ka kamanô le diphologolo tse di lwalang kgotsa tse di suleng, letshololo kgotsa mogotlhola, moethimolo, go aroganya karolo ele nngwe ya lefatshe kgotsa motswedi wa metsi kgotsa dijo tse di tshwaetsegileng. Ditshwaetsego nako dingwe di ka anama goya kwa mafelong a a kgakala kgotsa le kwa dinagantle tota ka tsela ya ntshetsôntle ya nama le diphologolo tse di tshelang.

Gopola gore ditshwaetsego le metlhampepe nako di le di ntsi di tlile gotswa go dikolobe tse dingwe, batho, ditlhako, sefepi, dijanaga le disenyi.

Dikokwana tse dingwe di tshela sebaka go feta tse dingwe, tse dingwe di bolawa ke mogote, dibolayatwatsi, dibolayasenyi kgotsa go omeletswa, fela gantsi go tsaya phepafatso ya kgapetsa kgapetsa le nako (malatsi ale mmalwa) go ntsha tema.

Go Dirwa Jang Thulaganyo ya Bosireletsatshedi?

©Glenneis Kriel
Katlego ya thulaganyo ya bosireletsatshedi e ikaegile go balemirui ba dikolobe ba ba tlhaloganyang gore dikolobe tsa bona ga di kitla di tshwaetsega fa di tsholwa ka go kgaogana le metlhape e mengwe ya dikolobe. Bosireletsatshedi mo polaseng ya dikolobe bo ka tsenngwa tirisong ka ditsela tse di latelang:

Aga legora
Agelela polase ya gago ka legora la tshireletso gore dikolobe tsa gago di se tswele kwa ntle kgotsa dikolobe tse dingwe mo kgaolong di se tsene ka mo gare. Fa dikolobe tsa gago di tsholwa mo kagông, netefatsa fa mantle, kelelo gotswa go mantle le metsi a a phepafatsang gotswa mo dihôkông tsa dikolobe, di samaganngwa ka mo gare ga polase ya gago. Dirisa mosutele wa dikolobe le moalô go dira motshotelo, ka mo gare ga legora la polase ya gago.

Itse gore dikolobe tsa gago di tswa kae
O seke ka motsi ope wa tsenya dikolobe tse diša mo motlhapeng wa gago gotswa kwa metsweding e e sa itsiweng le bafopholetsi. Le fa di sa lere malwetse le metlhampepe e e kotsi, go na le kgonagalo e e siameng ya gore mathata a a tlwaelegileng a tsona a dikolobe a tlile go farologana le a tsa gago. Kopa tshedimosetso go ngaka ya malwetse a diphologolo ya gago ya puso kgotsa motlhankedi wa itekanelo ya diphologolo kana animal health technician (AHT) wa selegae.

Tshola batho kgakala le dikolobe tsa gago
Seno se akaretsa baagisanyi, baeng, barekisi, batlhabi, bafopholetsi, batlhatlhobi le batlhankedi ba puso. Mongwe le mongwe yo o nang le lebaka le le utlwalang go ka tsena mo polaseng mme a tsamaya gotswa go polase goya go e nngwe o tshwanelwa ke go tlamelwa ka dikhai tsa tiro le diapesa-tlhako tse di dirisiwang gangwe (diapesa-tlhako tsa polasetiki di bonolo go diriswa mme ga di tlhwatlhwa-godimo) fa a tsena mo polaseng. Tseno di tshwanetse go latlhiwa, morago ga tiriso, mo polaseng. Batho ba le ba ntsi ba ka dira tiro ya bona kwa ntle ga polase.

Dirori tse di dirisetswang go rwala dikolobe, go laisolola sefepi kgotsa didiro tse dingwe, di ka dira tseo ka hêkê e nngwe mo legoreng ka go dirisa mokgoloso. Mokgokoloso ono wa taiso o tshwanetse go nna wa boleele jo bo tshwanetseng go serori se se gokaganang le tselana ya dikolobe ka mo gare.

Dijo le Melemô ya Dikolobe

©Courtesy of National Pork Board and the Pork Checkoff.
Dikolobe di na le keletso-dijo e kgolo mme ga di makgakga ka se di se jang, fela di tlile go itekanela thata le go gola ka bonako fa di fepiwa sefepi sa kolobe sa tekatekano e e matshwanedi gotswa kwa co-op kgotsa setlamo sa sefepi, di fepiwa ka bobotlana halofo ya phepô ya tsona.

Fa balemirui ba dikolobe ba batla go di fepa ‘swill’ (masaledi a dijo, matlakala a phaposi-boapelo le dilwana tsa dijo tse di fetileng ‘letlha la tshiamelo go jewa’), jaanong melawana-tsamaiso e tlhoka gore ‘swill’ yotlhe e bediswe metsotso ele 60 pele e ka neelwa dikolobe.

Go na le melemô le meêntô e e setseng ele karolo ya tlhokomelo-kolobe ya ka metlha, mme yona e ka nna le ditlamorago tse di dipoêlô mo tlhagisong le mo itekanelong. Ka bontsi e tlhwatlhwa-godimo mme e mengwe e tlhoka lekwalo-taelô la kalafi ya diphologolo gotswa go ngaka ya diphologolo e e nang le kitso e e siameng ka ga motlhape wa gago.

O ka Bona Kae Tshedimosetso ya Bosireletsatshedi?

Tshedimosetso ya dikolobe e teng ka metlha yotlhe ka mafapha a boitekanelo jwa diphologolo, Veterinary Society, SA Pork Producers' Organisation (SAPPO) as ga mmogo le ka mafapha a temôthuo mo porofenseng nngwe le nngwe.

Ka kopo lemoga:
Tshedimosetso ke ya mabaka a thuto le tshedimosetso fela mme e ka seke tsewe jaaka kgakololô ya tsa kalafi. Tshedimosetso ga e a ikaelela go nna mo boemong jwa kgakololô ya kalafi kgotsa kalafo e e rebolwang ke ngaka ya gago ya diphologolo.

Translated by Nchema Rapoo