Blue Wildebeest
Kgokong ya Botala jwa legodimo

© Roger de la Harpe

Leina

Kgokong ya Botala jwa legodimo kgotsa Kgokong e e tedu e tshweu wildebeest (Connochaetes taurinus)

Ponalo

Mmele ke mmala o silifera le bo tshetlha jo bo tseneletseng mme e nna le methalo e e tsepameng kwa pele. Kgokong ya Botala jwa legodimo di moriri o montsi mo molaleng le tedu. Bong ka bobedi di na le dinaka tse di khutshwane mme di kobegile. Mo go bong ka bobedi di na le dinaka tse di kgolo e beli di pagamane. Dipoo di na le dinaka tse di golo tota. Dipoo di boima ba dikilogeramo tse 250 mme boteele jwa yona ke 1.5 dimitara le dikgato go fitlha kwa magetleng. Dikgomo tsa tshegadi di di nnye go di bapisa le dipoo, go lekanya 1.4 ya dimilitara go tswa mo legetleng mme e na le boima jwa dikilogerama di le 180.

Pelego

Kgokong ya Botala jwa legodimo e belega ka ditlha. E belega namane e le ngwe fela ka Selemo morago ga go dusa paka ya dikgwedi di le robongwe. Dinamane di ka tsamaya le motlhape mo metsotsong e le mebalwa fela morago ga pelego.

Maitsholo a yona

Tshutiso ya dikgato tsa go fitlhelela bokgoni botlhe jwa tsona e ne e le e e mosola ya didiriswa mo dikgaolong tse dikgolo le go fokodiwa ga tsona mo tikologong e nngwe ke ga mosala ka nako ya komelelo. Ke phologolo e e ratang go nna le tse dingwe motlhapeng mme e ja dimela, di nna ka metlhape ya bogolo go tswa go di le lesome ga ya go dikete di le lesome. Dipoo di tlamela dikgaolo fa motlhape o o ntseng gona.

Di fitlhelwa kae?

Phasalatso e sobokantsweng go Bokone Botlhaba kwa dikarolong jwa Aforikaborwa. Ga se tsewe jaaka se se mo kotsing, mme gantsi di fitlhelwa mo dikgaolong tsa tshomarelo. Gape e bile di fitlhelwa mo bokoneng jwa Aforikaborwa. Palo ya tsona e fokotsegile ka ntlha legora le le sitisang kguduog ya tsona.

Mo karolong ya dintlha

Go na le mefuta e le metlhano ya Kgokong tsa Botala jwa legodimos tsa mo Aforika:
Connochaetes taurinus taurinus – Kgokong yam mala wa legodimo kgotsa bridled gnu
Connochaetes taurinus albojubatus – Kgokong ya tedu e tshweu ya Botlhaba
Connochaetes taurinus cooksoni – Kgokong ya cookson
Connochaetes taurinus johnstoni – Kgokong ya nyassaland
Connochaetes taurinus mearnsi - Kgokong ya tedu e tshweu ya Bophirima

Wildebeest

Dikgokong di kaiwa ka moêtse o mo telele o montsho le ditedu tsa bowa tse di leleketlang mo kgokgotsong le mo molaleng....more