Cape Grysbok
Grysbok ya kwa Kapa
Leina
Grysbok ya kwa Kapa kgotsa ya kwa borwa [Raphicerus melanotis]
Tlhagiso
Grysbok ya kwa Kapa e nnye, ke ditlhong pudi ya naga e e ditlhong e e nang le bowa jo bo ntsi jo boo makgwakgwa mo mmeleng. E na le moriri o o mosweu le bohibidu mme o tlhakane le kwa matlhakoreng mme e neela mofuta o wa phologolo, mmala o tshetlhana le bohibidu. Fela diphelehu ke tsona tse di nang le dinak tsa dimilimetara tse di 60 go ya go 80 ka boleele, le seka sidadikwane fa di ya kwa pele, a a tsepameng ko tlhogong. Grysbok ya kwa Kapa e eme dimilimetara tse di 540 go ya ko legetleng mem tse digolo lekalekantsha boima ba dikilogerama tse 10.
Dijo
Eno ke phologolo e e fulang ditlhare, mme ga e a ikaega thata ka metsi. Ka dinako tse dingwe e fula bojang jo bo boleta jo bo nang le matute fa bo le gona.
Pelegiso
Dikonyana di tsalwa ka nako nngwe le nngwe ya ngwaga, le mororo go tlhakana ka bong jwa tsona go diragala nakong ya dikgakologo. Di dusa mo dikgweding di le supa. Ka fa tlase ga maemo a a siameng di ka tsala dikonyana tse di pedi ka ngwaga. Tse di golo di na le mmala o o tshetlhana fa o di bapisa le dikonyana. Go tlhakana ka bong kwa gare ga mofuta o wa diphologolo go diragala morago ga dikgwedi di le 18 go ya go 24.
Maitsholo a yona
Grysbok ya kwa Kapa gantsi e tshela e le nosi, e tshela e kaname mo mogoteng wa letsatsi mme e fula bosigo.
Di fitlhelwa kwa kae?
Grysbok ya kwa Kapa e filthelwa kwa melapong ya dithabana tse di kwa Borwa le kwa tikologong e bophara kwa Bophirima le Kapa Botlhaba mo Aforikaborwa. E e tlwaelegile kwa Fynbos Biome. Grysbok ya kwa Sharpe ke e e tshwanang le e ka mmala le tlwaelo, mme e ka fitlhelwa mo Lebombo kwa dithabeng go ya Bokone Bophirima jwa Mpumalanga le bokgakajana jwa Bokone.