Banded Mongoose

© Nigel J Dennis

Leina

Banded Mongoose (Mungos mungo)

Ponalo

Mongoose e e kobegileng e tona ke e boima go feta ya tshadi fa di santse di le di nnye. Fa di setse tse godile ya poo le ya tshadi di a lekana ka bokete jwa dikilograma tse di ka nnang 1.5. Dimongoose di kgetegile ka sebopego sa tsona sa khutlo tharo, sefatlhego se jaaka ntlha le bophara, ka ditsebe tsa sephaphathi mme di katogane. Di na le mogatla o mo telele wa bowa jo bo ntsi le letlalo la boa le le telele le le bowa jo bo makgwakgwa. Mmala ke o mosetlha le o morokwa le tsotlhe tse o ka se keng wa di fosa, le ka go kganya le bo fitshwana jo bo tsepameng go pota kwa morago le kwa mathokong. Dikarolo tse di kwa fatshe ke tse lebala le le khanyang ka mekgabo e e lefitshwana fa o ya kwa dinaong.

Dijo

Diphologolo tse, ke tseo di tlhokang marapo mo mokwatleng mme di ja dijo tse di ntsi go feta tse dingwe tse di jang nama le dimela, ga ntsi ke ditshenekegi le motlhwa. Ka nako tse dingwe e kgona go tsaa phofu e kgolwanyana jaaka dipeba le dinoga. Kwa mafelong ao go latlhelwang matlakala kwa teng, ke fa Dimongoose di tlhaselang teng go ya go tsoma dijo. Dimongoose tse di kobegileng di ja le mae a dinonyane tse di beelang fa fatshe le digagabi. Di dirisa dinala tsa kwa pele go tshwara mae mme di a konopele kwa morago gore a thubege.

Pelego

Dimongoose tse di kobegileng di belega ka palogare ya 2.6 gotswa go tshadi e le ngwe. Mo setlhopeng, bana ba belegwa ka nako e le nnosi morago ga go dusa dibeke tse di ka nnang robedi go ya go tse di robong. Di tlhakanela go tlhokomela le go godisa ban aba tsona. Tsweletso ya pelego e nna gona mo setlheng sa Selemo fela, mme mo botshelong jwa e e tshegadi bolthe e kgona go belega fela ga1.4 ka ngwaga.

Boitshwaro

Mongoose e e kobegileng e nnela ruri mo lefelong le le esi mmogo le setlhopa sa tse di 6 go ya go 40 setlhopa, se se ka nnang palogare ya tse di15 tse di kgolo le bana ba tsona. Setlhopa se sa ditshidi ke se segolo thata fa o bapisa le tse tsotlhe tse di jang nama. Tsotlhe tse tona le ditshadi di fitisetswa go ditlhopa tse ding, ke ka fao go nnang le go ata ga pelego le malapa a farologaneng a Dimongoose.

Di fitlhelwa kwa kae?

Go ralala ga diphologolo tse, tseo di ratang go nna ka setlhopa, ke tse dinnye ka palo mo Afrika Borwa, di felela kwa mafelong a jaaka Botlhabela kwa dikgweng tsa Savanna, go tloga Kwazulu Natal tikologong tsa lebopo go ya Lebowa ka dikgweng tsa kwa Mpumalanga, Lebowa le Lebowa-Bodikela le kwa Mocambique. Di kgabagantswe mo mafelong ao a sa tsa go umakiwa le kwa pelenyana go ya Lebowa, kwa Botswana le Namibia.

Dipalopalo tse di mosola

Boima jwa mmele (Tshadi): 1,0 go ya go 1,4 dikilograma
Boima jwa mmele (Tona): 1,0 go ya go 1,4 likilograma
Botelele (Tshadi): disentimitara tse 55,
Botelele (Tona): disentimitara tse 55
Nako ya go tlhakana ga ya tshadi le e tona: Dikgwedi tse pedi
Palo ya tse di nnye: 2 go ya go 8
Go siamela go tlhakana ga tshadi le tona: Ngwaga o le mongwe
Boima kja nako ya pelego: 20 ya digrama
Mofuta: Diphologolo tse di jang nama
Lelapa: Lelapa la diphologolo tse di antshang

Pelego

Bana ke ba 2 go ya go 8 mme ba belegwa gare ga Selemo, gomme ga di bone e bile di na boyanyana. Mahlo a a bulega morago ga matšatši a 10.

Mohlala wa yona

Maoto a pele a na le menwana e me 5, monwana wa mathomo o ka bonagala fase mohlaleng ge e sepela ka go nannya, gomme o ka se bonale ge e kata goba e kitima. Menwana ke e mehlano mo leotong la ka morago, e fela go bonagala lenala la monwana wa mathomo mo mohlaleng, sebakanyana morago ga e mengwe e mene.

Lenane dintlha

Mongoose e kobegilego e tsejwa ka go ikemela khahlano le tau ge di gahlana le go e tshošwa. Dihlokomedišo di bontšha gore Dimongoose e tlolela godimo sefahlegong sa tau ge ditau di e dika.