Tshobokanyo ya Taolô-Disenyi ya Botswa-tsheding

©Dr Pia Addison Winetech
Tsela ya taolô-disenyi e e tlhagô thata ebile ele tlhwatlhwa-tlase ke go sireletsa manaba a tlhagô a disenyi. Kwa morago, manaba anô a tlhagô a ka thusa go laola disenyi mo dijalong tsa gago.
Go nna ka bontsi ga mofuta mongwe wa setshidi go ka supa gore tekatekano ya botshedi ya tikologo ya gago e kgoreleditswe, mme seno se ka kaya gore dija-disenyi tsa tlhagô ga di teng mme ka jalo go raya gore ga go na tshedisano-futafuta e e lekaneng mo kgaolong. Tshedisano-futafuta ke fa mefutafuta ele mentsi ya ditshedi tse di farologaneng (sekai, dijalo, dinonyane, ditshenekegi, di-microbe) e tshela mo tikologong.
Dijaditshedi tsa tlhagô di diragatsa sentle kwa mafelong a a nang le tshedisano-futafuta e e kwa godimo, le kwa molemi a fapogang gotswa mo mokgweng wa temô wa botso-nosing mo go jona go jalwang fela sejalo se le sengwe.
Dijadisenyi tsa tlhagô di akaretsa: Ditshenekegi tse dijang tse dingwe jaaka ladybird le mofu wa motlhampepe, digagabi (mekgaditswane) le ditshelagobedi (digwagwa), digokgo
Tshidisano-futafuta e ka tokafatswa ka go se gase dibolayatshenekegi le ka go jala (kgotsa go sa fedise) tulo-tlhagô kgotsa dimela tse di ungwelang dijadisenyi tsa tlhagô. Seno se ka dirwa ka go jala magora a dijalo jaaka melelwane ya botshedi, go tshola mafelo a eleng a melô ya tlhagô ya dimela, le go jala dithunya tse di ngôkang dinotshi, ka sekai. Go gasa dibolayatshenekegi ga go bolaye fela disenyi, fela le manaba a tsona a tlhagô, go agelela boganana mo disenying mme go tsenya botlhole mo dithulaganyong tsa metsi.
Go na le ditsela di le pedi tsa go laola disenyi: taolô-disenyi ya tlhagô le taolô-disenyi ya botshedi.

Taolô-Disenyi ya Tlhagô

Dijalo tse di rileng tse di jaaka setlhatshana sa khaki (Tagetes minuta kgotsa mbanje ka isiNdebele) di koba ditshenekegi fa marigold o kgona go gatelela mefuta ele 14 ya di-nematode tsa motlhampepe wa dijalo, mme lesion nematode le root-knot nematode ele tsona tse di amegang thata. Gore marigold e kgone go gatelela di-nematode ka katlego, e tshwanetse go ka jalwa bonnye dikgwedi di le pedi pele go ka jalwa sejalo se se tlileng go amega.
Dijalo dingwe di ka laola disenyi ka ditsela tse di latelang:
Go fitlha sejalo ka jalô-semmata. Ditshenekegi ga di kgone go nkgelela sejalo kgotsa di kobiwa ke monkgo wa sejalo-mmata. Sekai, rosemary e koba dintsi tsa khabetšhe.
Medisa dijalo (sekai, dithunya) tse di ngôkang ditshenekegi tse di dipoelô (sekai, dinotshi).
Jala molelwane wa botshedi go dikologa sejalo.
Mo ditshingwaneng, disenyi di ka laolwa ka segamolwa sa setlhatshana sa khaki. Segamolwa sa chilli le garlic le sona se ka gaswa go koba ditshenekegi.

Taolô ya Botshedi

©Prof Piet Goussard Winetech
Ditshenekegi di tshameka karolo e e botlhokwa mo tlhagông le mo ditikologo-tshedisanong tse di potlana mo polaseng, mme go tshwanetse go gopolwa gore ga se ditshenekegi tsotlhe tse eleng disenyi. Ditshenekegi di thusa go tshola tlhagô e lekalekana mme, jaaka go kailwe fa godimo, di thusa go kganetsa disenyi ka ‘taolô ya botshedi’. Ditshenekegi tse di dipoelô di ja di-aphid, motlhwa, maritshe le dikhukhwane tse dingwe tse di jang dijalo mme ga di kotsi go batho, dijalo le diphologolo.
Ditshenekegi tse di dipoelô jaaka dikhukhwane tsa ladybird Chilocorus nigritus le Cryptolaemus montrouzieri le mefu ya metlhampepe Aphytis lingnanensis le Coccidoxenoides perminutus di tsadiswa sekgwebo mme di ka rekwa le go diriswa mo polaseng jaaka taolô ya botshedi.

Translated by Nchema Rapoo