Tsela ya go Rulaganya Polase

© USAID Africa Bureau
Thulaganyo-theo ya polase ke karolo e e botlhokwa ya go bolaodi jwa polase. Ga e tlile fela go nna le seabe mo bolaoding jwa matlole a polase, fela e tlile gape go nna le seabe mo bokapeleng le bonolong jwa go tsaya tshweetso, tota le lekgetho le molemirui a tshwanetseng ke go le duela.
Fa o sweetsa ka ga thulaganyo-theo e e gaisang go ka laola polasa, o tshwanetse go tsaya tsia go nna teng ga matlole, mofuta wa polase, ditlhokegô tsa madi tsa polase, maikarabelô-semolao, karoganyo ya dipoêlô magareng ga barui, dithata tsa go tsaya tshweetso le ditlamorago tsa tlhwatlhwa le lekgetho.

Gore o tlhophe thulaganyo-theo e e gaisang ya polase, kopa kgakololô gotswa go bamolao, bagakolodi ba tsa madi, dibankara le baitseanape ba lekgetho. Dithulaganyo-theo dingwe tsa dipolase di rerwa fa tlase fa.

Bogwebanosi

Polase ke ya motho ale esi (gantsi ke molemirui) yo o tsamaisang polase. Morui o na le nomore ya VAT e eleng ya gagwe mme o rwala maikarabelô a ditshweetso tsotlhe tse di dirwang mmogo le ditatlhegelô tsotlhe kgotsa ditopo kgatlhanong le polase, fela o bona dipoêlô tsotlhe fa polase e dira lotseno.

Tlhakanelo-taolô mo Polaseng

Tlhakanelo-taolô e akaretsa batho ba le babedi goya go ba le 20 mme e kgona go fitlhelela matlole ale mantsi gona le bogwebanosi. Ditatlhegelô, ditopo le dipoêlô di aroganngwa magareng ga batlhakanedi mme batlhakanedi botlhe ba rwala maikarabelô a bolaodi jwa tlhakanelo-taolô. Tlhakanelo-taolô e khutla fa motlhakanedi a rola marapo kgotsa a tlhokafala.

Polase Jaaka Setlamo

Jaaka polase e gola, go e rulaganya le go e tsamaisa jaaka setlamo go ka nna le dipoêlô mo temeng ya bolaodi le lekgetho. Maloko a setlamo (batshwaradiabê) ba aroganya dikabô. Setlamo ke setheo se se rulagantsweng botoka ka tolamo mme se tshwanetse kgwebo ya temôthuo e kgolo. Gantsi se fitlhelela tshegetso ya madi ka bontsi, se laolwa ke boto ya bakaedi mme ga se khutlise go dira mo lobakeng lwa ge yo mongwe wa batshwaradiabê a tlhokafala.

Setlamo sa Bodirammogo

Setlamo sa bodirammogo gantsi se simololwa ke setlhopha sa batho, bonnye ke batho ba le supa, ba ba nang le tlhoko kgotsa maitlhomo a a tshwanang - sekai, go simolola bodirelo-phetodi jwa go dira senomaphodi. Ditlhokwa tseno e ka nna go bona ditsenyo tse di jaaka peo kgotsa sefepi ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ka go nna le dithata tsa puisano tse di kwa godimo. Seno se ka fitlhelelwa botoka ke setlhopha gona le ke motho-esi. Maitlhomo magolo a setlamo sa bodirammogo jaaka setlhopha sa moruo ke go tsholetsa maêmô a maloko a sona ka go rebola ditirelo, gona le gore go tabogiswe dipoêlô. Ditshweetso ka ga ditshweetso tsa bolaodi di dirwa ke bakaedi ba setlamo sa bodirammogo.

Polase Jaaka Trust

Trust gantsi e theiwa ka maitlhomo a tsa lekgetho le boswa (segolobogolo mo lobakeng lwa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga di le 18) mme e ka akaretsa leloko le le esi goya go ale 20, ba ba bitswang batlhokomedi (trustees). Batlhokomedi bano ba rwala maikarabelô a bolaodi jwa trust. Fa motlhokomedi a tlhokafala, tswelotsopele ya trust e ikaega ka trust deed.

Close Corporation

Close Corporation ke setheo sa kgwebo se se tlhwatlhwa-tlase mme se na le bomolemô jwa setlamo, fela ka tshelo-morago e e potlana ya melao ya semmuso. Maloko, a a ka nna motho ale esi goya go ba le 10, ga a rwale maikarabelô a ditopo kgotsa ditatlhegelô, ntle le fao ba beileng monwana teng jaaka baetleletsi. Dipoêlô di aroganngwa goya ka tumalano e e kwadilweng mme maloko otlhe a tsaya karolo mo bolaoding le botsaya-tshweetso jwa close corporation. Close corporation ga e khutle fa leloko le tlhokafala.

Translated by Nchema Rapoo