Triggerfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Triggerfish

Leina la Maranyane

Balistidae

Semeto

E ka nna 1 m, fa bontsi bo ka nna 35 cm.

Ponalo

Mmele o kgolokwe jwa lee ka tlhogo ee motsu mme o bopame go ya kwa mogatleng. Mogatla wa yone o sebopego sa halofo ya kgolokwe. Mogatla wa mokwatla wa ntlha o na le mebitlwa e mebedi ee bogale. Bontsi ba dibopiwa tse di na le meno aa bogale a kwa pele. Mogatla wa mokwatla le wa kwa tlase e kwa morago ga mmele mme e dira go nne le sebopego sa kgutlotharo. Di ka bonwa ka mebala e mentsi le diphethene mo mmeleng.

Dikitsiso

Lelapa la Balistidae le na le mephato ele 12 le dibopiwa dile 42. O ka di fitlhela mo godimo ka mafika a lewatle. Ga di rate go tshwenywa mme di bogale. Mebitlwa ya kwa mokwatleng e a emelela fa e ka tlhaselwa kgotsa e ka tshosediwa. E na le sentlhaga se e se tlhokomelang ka dikgoka mme e beela mae mo go sone.

Dijo

E fepa ka di-crustaceans tse di nnang kwa tlase, di-molluscs, sea urchins le di-echinoderms. Tse dingwe di ka fepa ka plankton.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Dibopiwa tsa mophato wa yone:
Clown triggerfish - Balistoides conspicillum
Redfang triggerfish - Odonus niger
Titan triggerfish - Balistoides viridescens