Tlhotlhomiso ya Kgolokwe ya kwa Vredefort

Babatlisisi ba Selegae

Morago mo Aforika Borwa, le fa go ntse jalo, ditlhagelelo tsa saense ya dithulo di bonagetse di re feta fela. Ka 1916, S.J. Shand lwa ntlha o tlhalositse kgakgamatso ya letlapa le le galogang mme a e bitsa ‘pseudotachylite’ mme ga a ka ke a kgaphela kwa thoko tshimologo ya letlapa la kgwamolelo. Ntlha e e tletseng ya patlisiso ya thutatlapa ya kgolokwe, e diragaditswe ka 1925, e ne ya tsaya tshwetso ya gore kgolokwe e tlhodilwe ke thunyo ya gase ya kgwamolelo e kgolo thata. Ka 1936, babatlisisi ba babedi ba tshitshintse gore thulo e ne ya tlholwa kgolokwe, mme se se ne sa itlhokomoloswa ke babatlisisi ba selegae.
Se e neng e le kgoreletso e ne e le popego ya kgolokwe ka boyona. Go ne go tla jang gore thulo e e tswang kwa godimo e tlhole gore mmu o ye kwa godimo? Nnete ke gore thunyo ya fagare kgotsa tsenelelo go ne go kgonega thata go bopa tsholetso kgothatsa go feta thulo ya kwa ntle. Le fa go le jalo, ka 1947, moithutatlapa o neng a bidiwa R.A. Daly o topile mo phopholetsong mme a tshitshinya gore kgololo ya kgatelelo morago ga thulo e ke nna le seabe mo dillageng tsa letlapa go boa gape mme ya kokomosa sebopego sa kgolokwe. Rre wa kolobetso ya phatwe ya thutatlapa ya Aforika Borwa, Alex du Toit, e nnile a sa kgolwe mme a bega gore kgolokwe e tlhomilwe ke dihulaganyo tse di ikadileng.

Ngangisano e e Tswelelang

Ka dingwaga, ngangisano e tsweletse. Kakanyo ya boditšhabatšhaba e ne e tlwaetse go tsaya letlhakore la sekolo sa thulo. Mme babatlisisi ba mo Aforika Borwa ba ne ba tswelela go ntsha dikwalo tse di tlhagisang tshimologo ya fa gare (ya seretse sa molelo kgotsa go ikala). Ka bo1960, pegelo go tswa mo Patlisisong ya Thutatlapa ya kwa Ottawa e dirile pharologanyo fa gare ga mefuta e mebedi ya khuti: tseo di nang le molagare e lekanyetsang ka fa tlase ga dikhilometara tse di mmalwa, tseo di neng di tlwaetse go nna le popego e e bonolo ya sejana, le di leng kgolwane go feta dikhilometara di le mmalwa,tse di neng di tlwaetse go nna le tsholetso ya matlapa a a dikaganyeditsweng ke kholoro ya dillaga tse di nnyennyane.
Paterone e ya khuti e e ‘matswakabele’ e ne e tshwanela Vredefort sentle. Le fa go ntse jalo, borasaense ba selegae ba ntse mo tseleng ya bona, ba tsaya pelo mo tirong ya moitseanape wa boditšhabatšhaba thunyo e e iphitlhileng, Walter Bucher, yo o neng a dumela gore ditheo tsa kgolokwe di tlhodilwe ke dithuntso tsa gase e e mogote e e neng e dutla go tswa ka mela e e bokoa mo legogong la Lefatshe.

Phetogo ya Thulo

Kwa ntle le go ikala ga babatlisisi ba selegae, go tlhaloganya phetogo ya thulo go tsweletse go gola. Ka 1968, khonferense ya boditšhabatšhaba mo setlhogong e ne ya tshwarwa, mme ya kopanya baitseanape go tswa kwa dinageng di le dintsi. Se se ne sa neela tshusumetso e e ntšhwafaditsweng go baakanyi mme, mo dingwageng di le mmalwa tse di latetseng, dikgatelopele tse di bonalang di dirilwe. Dipegelo tsa ditikologo go tswa kwa dikhuting tsa kwa lefaufaung, dikao tsa kwa ngweding, le dipholo tsa diteko tsa laboratori di tsweletse go tlhomamisana, mme dikala di ne tsa simolola go wela ka fa phopholetsong ya thulo. Kwa bokhutlong jwa bo1970, ditheo di le 120 tsa thulo di ne di supilwe mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe le mekgwa ya dibopego tsa matlapa e e tshwanang tse di tlwaelegileng mo dikhuting di ne di setse di tlhalositswe. Matlapa a ka go kgobakana a ne a bidiwa ‘dithulo’ – lefoko le le tlisang mo tlhaloganyong ditokololo tsa setlhopha sa diaerobiki, kgotsa batho ba ba mo pitlaganeng mo tsholetsong.
Ka bo1980, baitseanape ba boditšhabatšhaba ne ba dumela le diyunibesithi tsa boditšhabatšhaba di ne di ruta gore Kgolokwe ya kwa Vredefort e ne nnile e tlhamilwe ke tiragalo ya thulo. Mme e seng mo Aforika Borwa. Fano, bangwe ba ba neng ba sa ineele botlhofo (ba etelwa pele ke moithutatlapa Louis Nicolaysen) ba ne ba tshwere tumelo ya bona mo kgamolelo e e sa bonaleng jaaka tshimologo ya kgolokwe. Kwa bofelong, khonferense e ne ya bidiwa go rarabolola kgotlhang. E e ne e tshwaretswe kwa Parys ka 1987 mme baitseanape ba ba tswang mo dikampeng ka bobedi ba ema kopano ka lefoko. Kokoano e reteletswe ke go fitlhelela tshwetso ya bofelo, le fa go le jalo. Ka go bona, boutu e ne ya dirwa kwa bokhutlong jwa kopano mme bontsi jo bo se nene jwa batsaakarolo ba bontshitse tshegetso ya bona ya tshimologo ya exogenic (thulo ya kwa ntle).

Maemo a Atomo

Go kgaola kanelo e telele, dingwaga tse di lesome tse di latelang di ne di tletse ka bontsi jwa dipegelo go tswa go babatlisisi ba mo Aforika Borwa le go dikologa lefatshe. Kgolokwe ne e ya batlisiswa le go kgotliwa ke barutatlapa mme, ka iketlo, bopaki bo ne ba kokoana. Coesite le Shishovite di ne tsa bonwa, digole tse di nnye mo magakweng a quartz di tsa supiwa le mofuta o o tlhamaletseng wa phetogo mo matlapeng e ne ya batlisisiwa. Kwa bokhutlong, ka 1997, Hughes Leroux o kgonne go sekaseka dikao tse dingwe tsa matlapa mo maemong a atomo. Maitemogelo a gagwe a bontshitse go feletse gore Kgolokwe ya kwa Vredefort e ne ya itemogela e le tiragalo e kgolo thata ya thulo e e galafaditseng matlapa ka maemo a a botlhokwa. Ba gana go kgolwa ba ne ba setse ba fenngwe.

Translated by Lawrence Ndou