Soft Corals

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Soft corals

Leina la Maranyane

Alcyonacea

Semeto

E ka nna 1 m.

Ponalo

Dipopego tsa tsone di a farologana, mme gantsi di na le dithito (stems) tse di melang dithito tse dingwe tse di melang di-polyps. Dithenthekele tse tsa polyp di ka bonala sentle mme ga o sa di bone di a bo di gonyetse ka fa teng. Mebala ya tsone e a farologana ka ga o ka e fitlela ka mmala wa borokwa, botala, mmala wa namune, wa lephutshe, botala ba legodimo, le boshibidu.

Dikitsiso

Tlhamagano ya dibopiwa tsa Alcyonacea ke e le nngwe ya dile nne tsa tlhamagano ya dibopiwa tsa Octocorralia, mme e akaretsa dibopiwa tsa Gorgonians, di-sea pens le di-sea whips. Di na le moago wa marapo ka fa gare (skeleton). Di bona matla a bophelo mogo Zooxanthellae ya yone.
Di na le dithenthekele dile thataro mo go polyp e le nngwe go e thusa go tshwara dijo mo photoselong ya metsi (water current). Di ntsha tshefu go koba corale ee thata kwa mafelo a e leng kwa go yone ka go nne di lwela sebaka sa mafika ao. Di tsala ka go tshela mae mo metsing.

Dijo

E fepa ka zooplankton.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Lobed soft coral - Sinularia heterospiculata
Leather coral sp - Lobophytum sp
Thistle soft coral - Genus Dendronephthya