SQLSTATE[HY000]: General error: 144 Table './aatc/tiger_page_view' is marked as crashed and last (automatic?) repair failedShrimpfish - Botshelo jwa Lewatle - Afrika Borwa

Shrimpfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Shrimpfish

Leina la Maranyane

Centriscidae

Semeto

E ka nna 1 5cm, fa bontsi bo ka nna 10 cm

Ponalo

E sephaphathi ka sebopego ka mmele o moleele oo aparetsweng ke dipolata tse di marapo. Lerapo la ntlha la mogatla wa mokwatla le ka fitlhelwa kwa morago mo mmeleng mme le boleele gape motsu ka bogale.
Go na le tse pedi gape, mme mogatla wa mokwatla le wa kwa bofelong e fitlhelwa ka fa tlase ga yone. Mmala wa yone o ka nna methalo e bosweu le bontsho kgotsa mmala wa lephutshe ka ditsubaba tse dintsho mo tlhogong.

Dikitsiso

Lelapa la Centriscidae le na le mephato e le 5 ka dibopiwa dile 13. E thuma e esitse tlhogo kwa tlase. E ka bonwa mo mafikeng le mafelo a a nang le tlhaga ya lewatle (sea grass). E rata go iphitlha ka tlhaga ya lewatle. E namagadi e tsolola kgesti ya mae mme ya monna e nonofatse mae (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka zooplankton e nnye.

Anamiso

E bonwa mo metsing a mawatle a a didimetseng a mafelo a dipula le mogote le mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Grooved shrimpfish (Centriscus scutatus)
Shrimpfish (Aeoliscus strigatus)
Speckled shrimpfish (Aeoliscus punctulatus)