Popegofatshe ya Motheo ya Cradle of Humankind

Popego ya Majwe

©David Fleminger
Majwe a kgaolo ya Cradle of Humankind a akaretsa boalo jwa lejwe jwa Dolomite, jo bo bopetsweng mo bolaong jwa metsi a a bothitho a a seng boteng a lewatle a a neng a apesitse Mogopo wa Witwatersrand dingwaga di ka nna 3 million tse di fetileng. Majwe a dolomite ka kakaretso a bopilwe ka calcium carbonate (limestone) ka isotopes tsa oxygen di le mmalwa tsa tlaleletso tse di latlhetsweng. Seno se tlhola tebego-tikologo ya Karstic, e e bonolo go baka popego ya dikgaga ka ntlha ya kgogolego ya morago goya le mephatlhogo e e ka fa tlase ga lefatshe.
Majwe a a kwa Sterkfontein le Krugersdorp a boela morago dingwaga di ka nna 2.6 billion mme majwe a a kwa Botlhaba, goya kwa Hartebeespoort, a boela morago dingwaga di ka nna 2.2 billion. Majwe ano a ne kwa bofelong a sekamiswa mme majwe a a kwa Bophirima jwa Cradle of Humankind, goya kwa Krugersdorp, a ne a sekamiswa pele, seno sa oketsa kgogolego le go tlhola dithabana mo karolong eno ya Cradle of Humankind.

A Re Tsene mo Tegeniking

Fa o batla go tsena mo botegeniking, mme ka na ke mang yo a sa batleng, magogolwa a a rweleng masalela a fitlhelwa mo Setlhopheng sa Chuniespoort, sa Setsa-setlhopheng sa Malmani, sa Setlhophakgolo sa Transvaal sa majwe, mme a tlholegile dingwaga di ka nna 2.5 million tse di fetileng. Setswa-setlhopheng sa Malmani se kgaogantswe gape ka ditlhotswana di le 5: Dipopego tsa Oaktree, Monte Christo, Lyttleton, Eccles le Frisco. Kgaolo gape e na le metlhala ya lead le copper, tse di neng di epiwa ke merafe ya pele ga histori le bathibeledi ba kwa ntlheng mo kgaolong.

Mekgwa ya Kepo le ya Pewoletlha

©David Fleminger
Jaanong, fela fa archaeologist kgotsa palaeontologist a setse a supile go nna teng ga lejwe le le rweleng masalela, ba ntsha selo seo jang? Kepo ke tsamaiso e e boleta, e e tsayang nako mme ele botlhoko, e e tlhokang dingwagangwaga tsa katiso le bopelotelele jo bo sa feleng. Ke lephata le le matswakabele thata go ka tlhaloswa ka melapolelo ele mmalwa e e pharaletseng. Ka jalo areye...
Gongwe karolo e e botlhokwa thata ka ga kepo ke ditiragalo tsa pele, selo se se bitswang gape maropeng. Ga kônôkônô, seno se kaya gore o batla go gatisa ka bontsi jo bo kgonegang ka ga lefelo le masalela a fitlhetsweng mo go lona: A bonwe kae? A ne a dutse jang? Go ne go dutse eng fa thoko ga ona? Go ne go le eng ka fa tlase ga ona? Tshedimosetso eno yotlhe e ka go neela tshedimosetso ya tlaleletso le lesedinyana ka ga maselela, tikologo ya ona, lefelo le a leng mo go lona, tota le botshelo jwa ona jo bo tla nnang thata go ka bo sweetsa fa o a topile fela le go a latlhela mo lebokosong.
Kgang ke gore kepo e tota ele tsamaiso e e tletseng tshenyo mme, fa o setse o ntshitse breccia kgotsa masalela, o ka se kgone go busetsa Humpty mo seemong sa gagwe sa pele. Ka jalo, o tshwanetse go rulaganya kepo ya gago ka kelotlhoko mme gatise tshedimosetso ka ga maropeng a maselela ka bontsi jo bo kgonagalang pele o a ntsha le go a boloka. Seno se akaretsa go tsaya ditshwantsho le tshola dintlha tsa kwa lefelong, selo se se tlhokwang ke molao wa Afrika Borwa. Gape ga o a tshwanela go ntsha go feta mo o tshwanelwang ke go go ntsha, mme go kaiwa fa ele mokgwa-tiriso o o siameng go tlogela kwa morago ‘karolo ya bosupi’ gore babatlisisi ba ba latelang ba tswelepele ka kepo mo isagong.

Grid Kgotsa Nyaa

©David Fleminger
Mo malobeng, archaeologists ba ne ba dirisa thulaganyo ya grid go sweetsa maropeng a masalela. Eno ke thulaganyo e mo go yona o gokelelang motseletsele wa megala e e kgabaganyang lefelo go bopa grid ya di-square, e e bitswang spits. Archaeologists jaanong ba tla epa grid nngwe le nngwe mo dikarolwaneng tsa, a rere boteng jwa 100 centimetres, ba tlhaole sediro, ba ntshe masalela mme ba a tsenye gotlhe mo kgetseng e e tshwailweng goya ka grid le boteng.
Eno e ne ele thulaganyo e e dirisitsweng kwa Sterkfontein ka bogolo jwa ngwagakgolo o o fetileng, mme grid ya mogala ya bogologolo e santse e akgega fa godimo ga meepo. Bothata jwa mokgwa ono ke gore dilwana tsotlhe di kopanngwa mmogo mme maropeng a selwana ka bonosi a thata go sweetswa.
Ka go nna teng ga technology e ntšhwa go archaeologists ba segompieno, thulaganyo ya grid e tsweletse go nyelela ka bonako. Ga jaana, ka go dirisa sediriswa se se matswakabele se se bitswang Total Station (se okareng ke kopanyo ya theodolite le GPS), archaeologists ba kgona go gatisa lefelo ka nepo le boleele tsa selwana sengwe le sengwe se ba se bonang. Seno se tlhagisa maropeng a 3D a a gatiswang mo seitshupong se se tsenngwang mo kgetsaneng ya polasetiki mmogo le masalela.

Tsamaiso ya Tsofalo

©David Fleminger
Go na le ditsela di le pedi tse kgolo tsa phatololo: e e rapameng le e e tsepameng. Jaaka molawana-tiriso wa kakaretso, dilo tse di fitlhetsweng mo boalông jo bo tshwanang ke tsa paka ele nngwe, fa dilo tse di fitlhetsweng mo patlelong e e tsepameng di supa bogolo (kwa godimo ke boša, boteng ke bogolwane). Ka jalo, tlhopho ya gore a otla epa ka go kgabaganya kgotsa goya tlase gantsi e ikaega ka se o lekang go se fitlhelela.
Fa o batla tshwantshiso e e bophara ya paka e e rileng ya nako o epa ka go kgabaganya; fa o batla go sweetsa ka ga tatelano ya histori ya lefelo, o epa goya tlase. Le jalo, dilo ga nke di tsamaya bonolo mme dilo di ka nna matsapanyana, segolo thata mo dikgageng tse phela di phutlhama le go suta. Ka jalo tshekatsheko ya stratigraphy se se rileng sa lefelo gantsi e a tlhokagala pele o ka sweetsa ka ga tsalano magareng ga dilwana.
O bona gape mefuta ele mebedi ya maemo a kepo: tse di mo mmung o o repileng le tse di mo megogolegong e e tiileng e e nang le calcium, jaaka logaga lwa breccia. Mo mebung e e repileng, didiriswa tse di leng botlhokwa thata ke trowel ya baagi le ditlhopho tsa diboratšhe le dintsha-dikhuta tsa meno – tsotlhe tseno ke tsa technology e e kwa godimo.Trowel e dirisetswa go repisa le go fala mmu.
Sentsha-dikhuta se dirisetswa go senola ka boleta maselela mme boratšhe bo dirisetswa go ntsha motlhaba o mosesane. Go dira manontlhotlho, mmu otlhe o o farafareng masalela gantsi o a kokoanngwa le go sefiwa ka motseletsele wa disefo tsa bothale jo bo sesane go ntsha tota le marapo a mannyennye le diphatsa tsa masalela, a a tsenngwang mo kgetsaneng le go bewa sesupo gore atle a sekasekwe kwa morago kwa laboratory.

Phatololo

Fela, fa o dira ka breccia e e tiileng, gantsi o ka se kgone go ntsha masalela gotswa me lejweng kwa lefelong. Mo boemong jwa seo, o tshwanelwa ke go sega kgwethe ya breccia e e rweleng maselela mme o le ise kwa lab. Go dira seno, o dirisa drill ya seatla go phunya diphatlha di le mmalwa go dikologa kgwethe. Mme o somele tshetletsi di le pedi mo phatlheng mme ka kelotlhoko o tsenye segokelelo magareng ya tsona go phatlhola lejwe ka bophepa gotswa mo leboteng kgotsa bodilong. Dintlha-kaedi jaanong di a tshwaiwa mo kgwetheng gore dintlha-tsamaiso di kgone go tlhongwa moragonyana.
Fa o setse o boetse kwa lab, o ka ntsha maselela ka iketlo le ka boleta gotswa mo majweng, e ka nna ka drill e e borethe (jaaka sediriswa sa mokwala-tshipi) kgotsa ka tiriso e e kelotlhoko ya metlhapiso ya esiti e e seng bogale e e tlileng go tlhaposa breccia mme e tshole masalela a ntse ale jalo. Mekgwa eno ka bobedi e tlhoka dingwaga tsa katiso le bopelotelele jo bo golo.
Mo temeng ya go baya letlha la masalela, go na le mefuta ya ditsela ele mebedi ya kakaretso: pewoletlha ya tshwantshwanyiso le pewoletlha e e feleletseng kgotsa ya chronometric. Mofuta wa ntlha ke o mo go ona o lekang go bona fa sedirwa se le sesa kgotsa segolo go sedirwa se sengwe se se fitlhetsweng mo lefelong le le lengwe, mme seno gantsi se dirwa ka fitlhelela dingwaga tsa mogogolego wa mmu o masalela a fitlhetsweng mo go ona, ka go sekaseka didiro tse dingwe (segolo thata dimela le ditshedi) tse di fitlhelwang mo boalong bo le bongwe, le go di bapisana le mafelo a mangwe. Pele ga dingwaga tsa bo-1960, pewoletlha ka bontsi e ne e dirwa ka tsela e. Pewoletlha ya chronometric e tshwenyegela go fitlhelela dingwaga tsa masalela ka gore ‘ke dingwaga di le kae pele ga gompieno’. Seno se dirwa ka palo e e rileng ya mekgwa e e matswakabele e e sa kgatlhiseng e gantsi e akaretsang go bala gore ke seelo se se kanakang sa khemikhale e e rileng (jaaka carbon) se se leng teng mo masaleleng, mme o nyalelane seo le seelo se se itsiweng sa ka metlha sa go bola sa khemikhale eo.
Mekgwa eno ya tekanyetso-phasalatsorang e ka meta potassium-argon (K-Ar), carbon (fela fa selwana se le ka fa tlase ga dingwaga di le 50 000), le dielemente tse dingwe tsa phasalatsomarang. Go na gape le mokgwa o o bitswang Palaeo-magnetism o o sekasekang kemo ya dikarolwana tse di leng ka mo gare ga masalela, go meta gore tikologokgogedi ya Lefatshe e sutile makgetlho ale makae (sengwe se se diragalang dingwaga dingwe le dingwe di le dikete di le makgolo, gatwe), fela seno se matswakabele thata gore ke se tlhaloganye ka botlalo.

Translated by Nchema Rapoo