Parrotfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Parrotfish

Leina la Maranyane

Scaridae

Semeto

E ka nna 90 cm, fa bontsi bo ka nna 45 cm.

Ponalo

Di bonala ka meno a tsone aa mopaganeng, mme ga o a lebile o kare nko ya nonyane ya Papalegae (Parrot-like teeth). Ke tlhapi e kgolo ka mmele mme o nna mosesaane kwa morago. Mogatla wa kwa morago o na le sebopego sa sekele (sickle-shaped). Mogatla wa mokwatla o a elela go ya kwa morago. Di bonala ka mebalabala mme mebala ya tse ditona e farologana thata le ya tse dinamagadi.

Dikitsiso

Lelapa la Scaridae le na le maloko a le 9 le dibopiwa di le 89. Ke engwe ya dibopiwa tsa Wrasses. Di thuma ka megatla ya kwa sefubeng gantsi. Mogatla wa kwa morago o dirisetswa go thuntsa ka lebelo fela. E ka natha corale gore e e thuse go sila dijo tsa yone kwa mpeng. Ke nngwe ya diboiwa tse di botlhokwa thata mo tiragalong ya santa mo lewatleng le mo mafikeng a corale.
Di apesa mmele ya tsone ka bolele(slime) jwa tshireletso fa e robala bosigo mme e koba tse di ka batlang go di ja. Di tsala ka go tsholela mae mo metsing. Namagadi e kgona go fetola bong ba yone e nne ya monna fa morena wa tse ditona o ka tlhokofala.

Dijo

E fepa ka algae le di-polyps tsa Corale.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Bicolour parrotfish (Cetoscarus bicolor)
Ember parrotfish (Scarus rubroviolaceus)