Metshitshi ya Baruanotshe ba Bašwa

©Ivan Leroy Brown, Beegin
Fa a simolola go rua dinotshe moruanotshe o mošwa o tla tlhoka motshitshi. Motshitshi ke fa dinotshe di tla nnang teng, di godise dinotshe tse di šwa, di tshole kgosigadi ya tsona eo e beelang mae e babalesegile le dilwana tse dingwe tsa dijo. Ditshelammogo tsa dinotshe di tla tlhoka gape go tlisiwa, mo metshitshing ya tsona, go tswa mo polaseng e nngwe go ya go e nngwe ka mabaka a go dulafatsa.
O ka simolola ka motshitshi o o dirisitsweng, itirele motshitshi ka bo wena kgotsa o reke dikarolo tse di repileng mme o o kokoanye, tiro e tona. Bogolo o reke motshitshi o mošwa. Bontsi jwa baruanotshe mo Aforika Borwa ba dirisa metshitshi ya Langstroth, yeo e dirilweng ka legong la selegae la peine.
Bošeng jaana metshitshi e diriwa ka legong la go dira la kwa lewatleng, tseo di tshwarelelang go feta legong la go dira le le tlwaelegileng. Mtshitshi ya konkereite le metshitshi e e feletseng ya polasetiki ke tlhopho e e farologaneng jaaka di le popota. Metshitshi ya polasetiki e dirilwe sentle thata fela ke ya tlhwatlhwa e e kwa godimo.

Metshitshi e e Dirisitsweng

Go reka metshitshi ya go fetisediwa kgotsa e e dirisitsweng go ka tlhagisa malwetse mo tshelammogong ya gago mme ka jalo go botlhokwa go bolatwatsi motshitshi o o dirisitsweng. Dirisiwa tsa motshitshi o o diritsweng di alafiwa ka dikhemikhale jaaka hypochlorite le asethiki esite kgotsa e fisetswe kgotsa go thibelwa go bonesa. Mo Afrika Borwa metshitshi yotlhe e thibelwa go bonesa kgotsa e inelwe mo Waskol e mogote kgotsa boka ba parafene go sireletsa kgong. Fa tshasa Waskol mo metshitshing. Fa fongwe kopa mokgatlho wa boruanotshi wa gago wa selegae ka kaelo.

Motshitshi o o Gaisang ya Basimolodi?

Motshitshi o na le phaposi ya go elama mo botlaseng mme o na le ditlhomeso tsa logong mo phaposing. Tlhomseo nngwe le nngwe e na le lepanta la boka le le sesane go thusa dinotshe go simolola go aga khupetso ya boka ya tsona.
Mo godimo ga phaposi ya go elama, o o tlatseletsa ka phaposing e e kgologolo, ka sekhurumelo mo godimo, seo se akaretsa gape ditlhomeso di le 10 ka lepanta la boka le le nnye la boka. O ka nna le metshitshi e e megologolo mo bogareng jwa e tharo go ya go e tlhano. Tswine ya dinotshe e ntshiwa go tswa mo ditlhomesong tse dikgologolo tse.
Go kgona go thibela notshe ya kgosigadi go beela mae mo gare ga e kgologolo, o ka tsenya sethibela kgosigadi, sa polasetiki kgotsa tshipi, magareng ga diphaposing tsa go elama le e kgologolo. Dinotshe tsa badiri – tse di leng dinnyennyane go kgosigadi – di ka tsamaya bonolo fa gare ga dikeriti.

Ka dinako tse dingwe derai tsa mmudula di dirisiwa kwa kgorong ya metshitshi. Dirai tseno di kgobokanya mmudula go tswa mo dinotsheng fa di boela morgo. Mmudula o o tshwanetse go kgobokanngwa letsatsi le letsatsi mme o tsidifatswe go dirisiwa kwa morago jaaka tlaleletso ya diproteini tswa kwa godimo furu ya kgosigadi le mo dinakong tsa tlhaelo ya dijo. Ga se balemerui ba dinotshe botlhe ba ba dumelanang le tiriso ya dirai tsa mmudula. Ba bangwe ba akanya gore go fokotsa kgobokanyo ya botshe le motsamao wa dinotshe mo motshitshing.
Go atlanegisiwa gore o beye motshitshi wa gago mo godimo ga boemo jo bo godimo kgotsa diteneng – fa fela o tlogile mo mmung. Ga se fela go dira gore go nne bonolo mo mokwatleng wa gago fa o dira ka motshitshi, mme gape e tla go thusa go thibela tlhaselo go tswa mo ditshenekeging tse di gogobang le magotlo. Setlamo sa didiriswa tsa dinotshe tsa setlamo Bee Ware e atlenegisa go tshasa kirisi ya kgale mo boemong jwa kwa godimo kgotsa mo diteneng go thibela ditshoswane go tlhasela motshitshi mme o seke wa baya metshitshi mo godimo ga marulelo. Tshola metshitshi mo 60% ya moriti ka selemo.

O Reka kae Metshitshi?

Patlisiso mo metshitshi ya boleng jo bo gaisang le ditiriso tsa boruanotshe di ka go rekwang kgotsa go tsenela mokgatlho wa selegae o ka neelanang ka kgakololo ya theko ya metshitshi. Gape, o ka kgona go reka metshitshi go tswa kwa baruanotsheng ba nang le maitemogelo. Mo godimo ga moo, kgakololo le go tlhaba botlhale jwa bone di botlhokwa mo basimoloding. Reka metshitshi le didiriso tse dingwe go tswa mo ditlamong tse dintsi tsa ditirisoo le temothuo tse di ka fitlhelwang mo Afrika Borwa.

Translated by Lawrence Ndou