Mekgwa ya go Lekanyetsa Bometsi jwa Mmu

Mo Lobakeng lwa Lenaneo la Nosetsô

©Louise Brodie
Go botlhokwa go itse maêmô a bometsi jwa mmu gore mojadi a kgone go nosetsa sejalo ka nako e e tshwanetseng, ele go netefatsa fa go na le bometsi jo bo tlhokegang mo mmung jo medi ya sejalo e ka bo gogang.
Go lekanyetsa mmu le go netefatsa gore sejalo ga se tshwarwe ke kgatelelô e e sa tlhokegeng, ga mmogo le tatlhegelô ya tlhagiso ka ntlha ya tlhokego ya metsi mo mmung a a tsweletsang pele kgolo ya sejalo, mekgwa le didiriswa tse di farologaneng di tsenngwa tirisong go elatlhoko mmu, mme e e diriswang gantsi mo lobakeng lwa lenaneo la nosetsô ke:
Neutron Probe Meter
Gypsum block
Tensiometer kgotsa irrometer
Mokgwa wa kutlwalô le tebego
Time Domain Reflectometry (TDR) Probe

eNeutron Probe Meter

Neutron Probe Meter e lekanyetsa bometsi kwa mmu ka go gasaganya neutrons mo mmung o o e dikaganyeditseng. Sediriswa se na le probe kwa bofelong jwa mogala o o isang kwa lebokising la selekanya-lobelo. Probe e na le motswedi wa neutron e e lobelo, e e ka nnang motswako wa radium le beryllium kgotsa Americium le beryllium.
Ditšhupu tsa aluminium tsa matseno tse di boleele jwa 500 mm goya go 1 000 mm, bomolagare jwa 32 mm tse di nang le matlase a a tshwalegileng di bewa mo tshimong fa dilekanyetso tsa bometsi di tlileng go tsewa teng. Mo lobakeng lwa dijalo tsa medi e e seng boteng le dijalo tsa ngwaga le ngwaga, go tla diriswa ditšhupu tse khutshwanyane mo go tsa dijalo tsa medi e e boteng kgotsa tse di tsayang sebaka go gola.

Neutron probe e lokelwa goya tlase ka mo tšhupung ya matseno kwa boteng jo bo tlhokwang, mme neutrons tse di lobelo di gololwa gotswa mo probe. Neutron jaanong di tla gasagana mo mmung. Fa neutrons tseno di kgatlhana le hydrogen atom ya metsi, lobelo lwa neutrons lo a fokotsega mme selekanyetsa-lobelo se bala palo ya neutrons tse di bonya. Palo ya neutrons tse di dirilweng bonya e amana-magareng le molecules tsa metsi mo mmung o o dikaganyeditseng. Ka go tsenya tshedimosetso mo software, bometsi jwa mmu bo a itsiwe gotswa mo kgogoropong ya calibration e e bontshang palo ya neutrons tse di dirilweng bonya.
Bomolemô
Dilekanyetso di bonako ebile di tsweletse. Go dirisa Neutron Probe ga go tlhoke gore mmu o kgoreletswe mme go ka lekanyetsa karolo e kgolo (200 mm goya go 400 mm go dikaganyetsa ditšhupu tsa probe)
Bosula
Go dirisa Neutron Probe go tlhwatlhwa-godimo, go diriswa motswedi wa phasalatsongmarang mme go tlhoka tlhokomelo ya ka metlha ya moitseanape. Tekanyetso e e tlhomameng ya bometsi gotswa mo mebung e e seng boteng ke bothata ka ntlha ya gore neutrons tse di lobelo di ka dirwa bonya ke hydrogen atoms tse dingwe mo botswa-tsheding, ga mmogo le atoms tsa dielemente tsa tatediso tse di tlwaelegileng go nna teng mo mmung o o fa bogodimong jwa 200 mm. Seno se isa kwa fopholetsong e e feteletseng ya bometsi jwa mmu.

Dikgwethe tsa Gypsum, Letsopa kgotsa Semente sa Marapo

Diyuniti kgotsa dikgwethe tseno tsa kganedi tse di rectangular di ka nna boleele jwa 550 mm, bophara jwa 375 mm le bokima jwa 20 mm. Gypsum, letsopa kgotsa semente sa marapo di diriswa go lekanyetsa bometsi jwa mmu ka go beya dikgwethe mo lefelong le le nepagetseng mo mmung o o tshwanetseng go lekanyetswa le go elwatlhoko. Para ya di-electrode e agwa ka katoganô ya 20 mm ka mo dikgwetheng.
Mokgwa ono wa tekanyetso o dira ka phetiso-motlakase. Fa molelo wa motlakase o fetiswa mo gare ga d-electrode di le pedi, kganedi ya tsamao ya motlakase e amana-magareng le bometsi jo bo mo kgwetheng. Fa kgwethe ele metsi, bophetiso-motlakase bo nna kwa godimo mme ka jalo bokganedi bo kwa tlase. Ka kakaretso, di-electrode di lekanyetsa kganedi e e ka nnang 400 goya go 600 ohms mo selekanyetsong sa tshimo, le e e ka nnang 50 000 kwa ntlheng ya tshwabô, eleng fao sejalo se sa tlholeng se kgona go goga metsi a a tlhokegang gotswa mo mmung gore se itshedise. Dilekanyetso di tsewa ka leparego la metsi la Wheatstone Bridge Bouycos la disele tse di omeletseng.
Lokela kgwethe ya gypsum mo mmung o o sa kgoreletsegang.
Bosula
Dikgwethe tsa gypsum ga di ikanyege jalo mo mebung e e metsi.

Tensiometer/ Irrometer

©Louise Brodie
Tensiometer ke sediriswa se se lekanyetsang kgagamalo e metsi a tsholwang ke mmu ka yona. E akaretsa, kwa ntlhaneng ya yona, komiki ya 8cm ya ceramic kgotsa letsopa e e gokeletsweng mo tšhupung e e babalêlang ya tshipi kgotsa galase, e e nang le selekanyi-lolea mo godimo. Thulaganyo e tlatswa ka metsi gotswa mo phatlheng e e fa godimo ga tšhupu, mme e tlile go tlopela ntlhana ya letsopa. Mme e thibiwa ka selekanyi-lolea fa e lokelwa mo mmung.
Lokela tensiometer ka go epa mosima o o bophara le boteng jo bo lekaneng go tsenya tšhupu mo karolong ya medi ya sejalo. Ga go a tshwanela go nna le diphatlha tsa mowa go dikaganyetsa ntlhana kgotsa tšhupu. E tshwanetse go nna tekano e e tantêtsweng. Bometsi gotswa mo komiking bo tlile go gogelwa kwa ntle ke komelelô ya mmu o o e dikaganyeditseng. Seno se baka lolea mo tshupung jo bo lekanyetswang ka selekanyi. Fa kgagamalo e e batlwang e fitlhelelwa, mmu o tshwanelwa ke go nosetswa. Selakanyi-lolea se supa dinomore tsa kgagamalo go fitlha go atmosphere ele esi, fela se lekanyetsa fela go fitlha 0.85 atmosphere.
Bomolemo
Tensiometer e bonolo go lokelwa le go lekanyetsa bometsi jwa mmu mo go itshekileng. E mosola mo nosetsong e e rulagantsweng ya dijalo tse di tlhokang nosetsô tsa ka gale mo kgatelelong ya mmu e e kwa tlase.
Bosula
Bosisi jwa tensiometer bo fela go fitlha 0.85 atmospheres, fa bolekanyetsi jwa bometsi jwa mmu bo fitlha fela go atmosphere ele esi. Tensiometer gape nepagetse thata mo mebung e e motlhaba go feta mo mebung e e bokete ya letsopa.

Mokgwa wa Kutlwalô le Tebego

Fa mekgwa e e umakilweng fa godimo e se teng, uphuletso enô ya seatla ya bometsi e ka diriswa jaaka selo sa bofelo sa disampole tsa mmu tse di tserweng kwa boteng jo bo batlwang. Sampole ya mmu e tobetswa mo seatleng mme kutlwalô le tebego ya yona di tsewa tsia. Ka go dirisa mokgwa ono, bometsi jwa mmu jo bo nepagetseng ba boammaruri bo ka se sweetswe.

Time Domain Reflectometry (TDR) Probes

©Louise Brodie
Probe tsa TDR ke mokgwa o montshwa o o diriswang mo thulaganyetsong ya nosetsô. Mokgwa o lekanyetsa nako e kitimetso ya motlakase e e tsayang go tsamaya boleele jwa thobane ya tshipi e e loketsweng mo mmung.
Probes tsa TDR gantsi di diriswa mo dintlwaneng tsa dijalo mme di a nepa. Fela, ke thulaganyo e e tlhwatlhwa-godimo go ka e dirisa mo tshimong e kgolo.

Translated by Nchema Rapoo