Malwetsi a a Tlwaelegileng le Mathata a a Amanang le Dipodi

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Malwetsi le mathata a boitekanelo mo dipoding a ka tlholwa e seng fela ka mefuta e e farologaneng ya ditshedi (megare, dibaketeria, diporotosoa kgotsa dibokwana) mme gape ke kotla e e bokoa. Sekao, kotla e e bokoa ke tlholo e e tlwaelegileng thata ya go ntsha mpa mo dipoding.

Mathata mo dipoding a bopa ke diso tse di akaretsang dikaku, dikaku tsa leoto le orf. Malwetse a mangwe a ka tlholwa ke bolwetse jwa tlaleletso, sekao, orf le thurugothoba. Bana ba podi ba ka anamisa orf go tswa mo melomong ya bona go ya kwa matseleng a bomma bona. Ditshadi tse di ka kgona that go tlhaga thurugothoba.

Malwetse a mangwe a ka bontsha ditshupetso a a tshwanang; dipodi tse di nang le kitlano ya meno, leleme la botala jwa loapi le motsikitlelo tsotlhe di ka bontsha matshwao a letshogo a jaaka go tshokeletsa. Fa letshololo e le letshwao la coccidiosis gammogo le tlhaselo ya dibokwana. Ka jalo go botlhokwa go kgona go farologanya le go lemoga ditshupetso tsa malwetsi a dipodi.
Malwetse a mangwe bogolo a ka thibelwa ka moento jaaka diphio tse di sekgojwa le go
kitlano ga meno le lenaneo le le lolameng la go entiwa go ka thibela malwetse a mangwe a podi le disenyi tse dingwe tsa ka mo teng. Botsa ngaka ya gago ya diphologolo kgotsa motegeniki wa tlhokomelo ya boitekanelo.

Go Ntsha Mpa

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Ya go ntsha mpa ya tlhaka e ka tlholwa ke tlala ya tshadi kgotsa ke ditshenyenye tse di jaaka Chlamydia (kalafi: moento) kgotsa Coxiella (kalafi: go laola kgofa). Go thibela go ntsha mpa, netefatsa gore ditshadi tsa baimana di fepiwa go lekaneng ka poroteine le maatla. Kopa motlamedi wa furu kgotsa ngaka ya diphologolo go bona kgakololo.

Sekaku

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Sekaku gantsi se lemogwa se le sedigo, se rurugile se le botlhoko fa se kgomiwa. Dikaku di tlholwa ke fa baketheria e tsena mo nthong. Sekaku se tshwanetse le go gamolwa le didiriswa tse di bolailwengtwatsi di phepafaditswe. Latela se ka tlhabo ya twantshatwatsi.

Sekaku sa Leoto

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Sekaku sa leoto se tlholwa ke baketheria e tsenang dintho tse dinnye (jaaka go loma go go kima) mo maotong. Dikaku tsa leoto gantsi di lemogwa ka ge dipodi di tlhotsa le go ruruga go go botlhoko mo ditlhakong. Kalafo ya dikaku tsa dinao e akaretsa twantshatwatsi ka oxytetracycline ya tiragatso e telele, didipi tsa kgofa le didipi tsa maoto.

Orf

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Orf (kgotsa ‘molomo wa seso’) ke tshwaetso ya mogare ya letlalo le maotha a mamina (matlho, molomo, dinko le matswele) a dinku le dipodi. Orf gape e ka anama go ya mo bathong. Tshola diphologolo tsa orf kwa thoko le motlhape o otlhe le go alafa magogo ka vaseline (apara ditlelafo) kgotsa kgatsa twantshatwatsi. Moento o ka thibela orf go anamela go motlhape o otlhe.

Thurugathoba

©Fir0021
Thurugathoba ke go ruruga go go botlhoko ga letswele. Matshwao a akaretsa letshoroma, kgatelelo, go fokotsa keletso ya dijo, le go sa letle bana go anya. Letswele le tla nna le le khibidu le go ruruga mme mašwi a ka nna a ma tshesane le go nna metsi kgotsa go nna le madi le go nna kima ka letlhole.
Refosanya panyeletsa e e bolelo (lebotlolo la metsi a a bolelo) ka panyeletsa ya segatsetsi (polokelo ya segagane mo toulong) ka metsotso e le 5 go ya go 10 mengwe le mengwe mme o alafe ka tlhabelo ya selwantshwamegare mo mosifeng. Fepa bana ba bomme ba ba nang le thurugathoba ka mašwi a a phepa a a boitekanelogo thibela tlala.

O se ke wa tlhakantsha mašwi a thurugathoba ka maši a a itekanetseng.

Nyumonia

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Nyumonia e tlholwa ke dibaketeria tse di bitswang Pasteurella le Mannheimia mme e ka tlhagelela ge dipodi di le ka fa tlase ga maemo a kgatelelo - maemo a bosa a a bosula, dipalangwa, diphetogo tsa thempheretšha ka bonako.

Matshwao a akaretsa letshoroma, go felelwa ke mowa, go gotlhola, kgololo go tswa mo nkong le bothata ba go ja.

Alafa ka sediriswa se se dirang nako e telele sa oxytetracycline. Tlamela ka bonno mo nakong ya maemo a bosa a a bosula le fa e le mo maetong a metelele, letla diphologolo go ikhutsa, go nwa metsi le go ja furu.

Philo ya Sekgojwa

Philo ya sekgojwa ke bolwetse jo bo bolayang bo bo tlholwang ke baetheria mme gantsi bo tshwarwa ke diphologolo tsa bašwa. Gantsi e latela ke kaonafalo ya dijo mme e tlhagelela ka bonako. Diphologolo di ka supa motsamayo le kidibalo kgotsa a ka swa ka bonako kwa ntle le go bontsha matshwao a nngwe mape.
Kalafi gantsi ke ya go nna thari thata mme philo ya sekgojwa e ka thibelwa ka go tsenya dijo tse di ntšhwa ka bonya.

Go dira tlhatlhobo ya tshekatsheko (tlhatlhobo ya phologolo e e swileng) e ka senola diphilo tse di boleta tsa mmala o o mo setlha, mala a a khibidu a a tletseng gase le koketsego ya selekanyo sa seedi mo kgetsing go dikologa pelo.

Mekento kgatlhanong le diphilo tsa sekgojwa di teng.

Kitlano ya meno

Kitlano ya meno e tlholwa ke dibaketheria tse di tshwaetsang dintho mme e tla tlhola kgagamalo ya dijoene, go hema go go thibetsweng le dikudupano. Tlhogo e kobegetse kwa morago, dikutlo tsa go ama modumo kgotsa ya go kgoma e etegeditswe le leti la boraro le ralala le leitlho.

Apara ditlelafo fa o alafa diphologolo - bolaya megare mo dinthong, tlosa dithogwa tse di suleng le go tsamaisa bolayamegare. Bea diphologolo mo tikologong e e lefifi, e e didimetseng mme o di neye dijo le metsi.

Leleme la Mmaa o o Botala jwa Loapi

Bolwetse jwa megare bo anama ka menang mme go le gantsi e diragala morago ga dipula tse di bokete le fa maemo a le bollo le metsi. Dipodi tla bontsha matshoromo le le kwa godimo, dipounama tse di rurugileng le kwa godimo, mme di ka nna tswa emisetsa melala ya tsona mo khutlo e e sa siamang. Mo godimo ga moo, maleme a tla nna botala jwa loapi le mabanta a khibidu a tlhagelela fa godimo ga ditlhako.
Enta kgatlhanong le leleme la mmala wa botala jwa loapi ka nako ya dikgakologo (morago ga go tsala me e seng ka nako ya dikgwedi di le tharo tsa go simolola go dusa), tshola dipodi go tswa mo mafulong a kwa tlase di a a metsi mme o di sireletse mo ditshenekeging.

Motsikitlelo

©Prof Horrock (ARC Onderstepoort Veterinary Research)
O tlholwa ke kgofa ya bont ye e fitlhelwang mo dikgaolong tsa komelelo tsa go se na serame mo Aforika Borwa, motsikitlelo ke bolwetse jo bo masisi. Matshwao a akaretsa letshoromamo (kwa godimo ga 40℃), go fetolela ditlhogo ka mokgwa o o sa tlwaelegang, go tshlolga go tswa mo molomong le nko gammogo le ditlhakatlhakano tsa letshogo jaaka go tsamaya ka go gatela kwa godimo le go raga.
Alafa ka bonako ka oxytetracycline le e dirang sebaka se se telele go thibela motsikitlelo ka mokento.

Coccidiosis

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Coccidiosis ke bolwetse jwa bana ba dipodi le dikonyana mme gantsi e diragala ka ntlha ya go nna le maska a leswe le dipene. Bolwetse bo fitlhelwa mo motshetelong mme bo tlhola letshololo le le metsi, tlhoka metsi le tatlhegelo ya keletso ya dijo. Kgaoganya diphologolo tsotlhe go tswa mo tlhapeng mme o alafe coccidiosis ka kalafi e e nepagetseng jaaka o laetswe ke ngaka ya gago ya diphologolo.

Alafa tlhoka metsi ka botlhakano ba bokana ba halofo ya leswana la letswai le maswana a a 6 a sukiri mo litareng ya metsi a a bothitho. Neela 250 - 500 ml dinako tse 4 ka letsatsi le letsatsi mo malatsing a leng mararo.

Dibokwana tse di Sediko

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Dipodi di ka nna le dibokwana tse di sediko fa di ja bojang. Ditshupo tsa sebokwa tse di sediko ke tlhaselo ya motlhagare wa botlolo (thurugo ya motlhagaretlase), tatlhegelo ya maemo a fa dikagare tsa lore le le bosetlha. Dirisa papetla ya FAMACHA© go tlhomamisa gore ke diphologolo dife tse di tlhokang kalafo ya lotha la mamina ya bosetlha. Letshololo le ka diragala fela ga lle a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le malwetse a mangwe.

Dimphe

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Di ka lemogwa ka dikarolo tse ditshweu mo bolokong, dimphe di ama maemo a podi fela ga e masisi jaaka dibokwana tse sediko. Tlhopha kalafi ya sebokwana e e tla alafang ka bobedi sebokwana se se sediko le dimphe.

Difuluku tsa Sebete

Difuluku tsa sebete ke tse di sephara, dibokwana tsa sebopego sa letlakala tse di fitlhelwang mo diphatlheng tsa seumako mo fulukung ya sebete sa diphologolo. Molala wa botlolo, maotha a mamina a masetlha le tatlhegelo ya boima ke ditshupo tsa tlhaselo ya fuluku ya sebete. Tikologobophelo ya senwamadi sa kwa gare e akaretsa mafulo a a metsi le kgopa e e rileng. Thibela ka legora mo mafelong a a bongola mme o alafe dipodi ka kalafi ya sebokwana e e kwadisitsweng.

Tsweetswee ela tlhoko: Tshedimosetso e ka ya mabaka a thuto le tshedimosetso fela mme ga e a tshwanela go tlhakatlhakanngwa e le kgakololo ya bongaka. Tshedimosetso ga e a ikaelela go emisetsa kgakololo ya bongaka kgotsa kalafi e e newang ke ngaka ya gago ya diphologolo.

Translated by Lawrence Ndou