Longfins

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Longfins

Leina la Matshamekwane

Roundheads, Spiny basslets

Leina la Maranyane

Plesiopidae

Semeto

E ka nna 20 cm, fa bontsi bo ka nna 15 cm.

Ponalo

Tlhapi e e boleele ka mmele. Matlho le molomo wa yone a magolo. Mogatla wa mokwatla le wa kwa maragong e meleele mme gantsi e meleele go feta mogatla wa kwa morago. Mebala e a farologana kaga e ka nna borokwa kgotsa botala ba legodimo, mme ka dinako tse dingwe e ka nna le itsubaba tse ditshetlhana kgotsa methalo.

Dikitsiso

Lelapa la Plesiopidae le na le mephato e le 11 ka dibopiwa dile 38. E iphitlha mo magageng kgotsa ka fa tlase ga mafika motshegare. Tse dingwe di na le seka-leitlho mo mogatleng wa kwa morago gore dijabetse ditlhabelo tsa tsone. E batlile e tshwana le enngwe ya di’eels fa e iphitlhile ka tlhogo mophatleng. Gantsi e bonwa e le esi mo mafikeng. Di tsala ka go tshela mae mo metsing pele a nonofatswa ke e tona (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka ditlhapi le di’crustaceans tse dinnye.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula mo lefatshe.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Comet - Calloplesiops altivelis
Bluegill longfin - Plesiops corallicola
Whitespotted longfin - Plesiops nigricanas