Kgololô ya Nelson Mandela

© Eric Miller

Taelô-Kganêlo go ANC e a Fediswa

Go simolola ka Phukwi wa 1986 Nelson Mandela o ne a na le kgolagano le maloko a puso, kwa tshimologong le Letona la Tshiamiso Kobie Coetzee, mme morago le Letona la Tsweletso ya Molaotheo Gerrit Viljoen. Kwa bokhutlhong o ne a nna le kopano le Tautona ya naga PW Botha ka Phatwe wa 1989 kwa Tuynhuys.

Ka Sedimonthole wa 1989 o ne a kopana le Tautona ya naga FW de Klerk. Ka Tlhakole wa 1990, Tautona ya naga De Klerk o ne a bega fa taelô-kganêlo go ANC le mekgatlho e mengwe ya sepolotiki e fidiswa fa a ne a fana ka puo ya gagwe ya pulo ya palamente. Mandela o ne a gololwa kwa kgolegelong ka di 11 Tlhakole 1990.

Mandela o ne ka gangwe a fana ka puo kwa dikopanong tsa bontsi kwa Cape Town, Soweto le Durban, tse di ngokileng makgolo a diketekete tsa batho.

Go Isa Kwa Ditlhophong tsa 1994

Dingwaga tse di isitseng kwa 1994 di ne di tletse ditiragalo thata. Nelson Mandela o ne a tsaya loeto go ralala Afrika Borwa le kwa dikarolong dingwe tsa lefatshe, a kopana le maloko a a botlhokwa a mmuso le a ANC. O simolotse ka loeto go ya kwa Lusaka go kopana le komiti-taolô ya ANC ka Mopitlwe wa 1990.

Mandela morago o ne a etela mopresidente wa ANC – Oliver Tambo kwa Sweden, fela a tshwanela ke go khutlhisa loeto pele ga nako ka ntlha ya go runya ga dikhuduego mo Afrika Borwa. Ka Motsheganong wa 1990, Mandela o ne a etelelapele borongwa jwa ANC, jo bo neng jwa tshwara dipuisano le baemedi ba mmuso wa Afrika Borwa kwa Groote Schuur.

Ka Seetebosigo, Mandela o ne a tsena mo loetong lwa gagwe lwa dibeke di le thataro kwa Yuropa, United Kingdom, Amerika Bokone le Afrika. O ne a amogelwa gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng. Ka 1992, Mandela o tsweleditse lenanêô la gagwe la maeto a boditšhabatšhaba, ka go etela Tunisia, Libya le Morocco. Ênê le Tautona ya naga – FW de Klerk ka bobedi ba amogetse sekgele sa Unesco Houphouet-Boigny Peace kwa Paris ka di 3 Tlhakole.

Ka nako e le nngwe banna ka bobedi ba tsenetse World Economic Forum kwa Davos, Switzerland. Ka di 13 Moranang 1992, Mandela o ne a bitsa kopano ya babegadikgang mo go yona a neng a bega fa ênê le mohumagadi wa gagwe, Winnie, ba dumalane go kgaogana ka ntlha ya dipharologanyô, tse di runtseng mo gare ga bone mo dikgweding tse di sa tswang go feta.

Kgatiso ya Kutlwano e Bewa Monwana

Mandela o ne a supa ka Lwetse wa 1992 fa a ikemiseditse go kopana le De Klerk fela fa a ka dira taelô-kganêlo kgatlhanong le go bontshwa phatlhalatsa ga dibetsa tse di kotsi mme a golole batshwarwa ba sepolotiki. Ba ne ba kopana kwa bokhutlhong jwa kgwedi mme dipuisano tsa bobedi jono di ne tsa baka go bewa monwana mo Kgatisong ya Kutlwano ke baeteledipele ba ba bedi bano, mme seno sa dira gore dipuisano di tsweletswe.

Ditlhopho tsa Botautona

Ka Lwetse 1993, Mandela o ne a etela kwa Amerika mme a ikuela go baeteledipele ba kgwebo ba lefatshe go emisa dikiletso tsa kgwebo kgatlhanong le Afrika Borwa.

Ka motsi wa seripa-gare sa bofelo sa 1993 le go sale gale ka 1994, Mandela o ne a tsena mo letsholong la ditlhopho tsa 1994 mo boemong jwa ANC mme a fana ka lefoko go matshwititshwiti a batho kwa dikokoanô-kgolong le kwa diforamong tsa batho.

Ka 1994, ditlhopho tsa ntlha tsa kakaretso di ne tsa tshwarwa, gore maloko otlhe a setšhaba a tlhophe go sa kgathalasege gore ke ba mmala ofe. Ka di 9 Motsheganong 1994, Mandela o ne a tlhophiwa jaaka Tautona ya Afrika Borwa.

Go bewa ga gagwe mo setulong go ne ga dirwa ka letsatsi le le latelang kwa Union Buildings kwa Pretoria, mme go ne go tsenetswe ke kokoanô e kgolo go gaisa ya baeteledipele ba boditšhabatšhaba mo Afrika Borwa.

Letsatsi le le Botlhoko

Ka 1999 Mandela o ne a latlhela seditse go tswa mo tirong ya sepolotiki, fela o ne a tswelela go tsaya karolo mo matsholong a boitekanelo le a thuto. Ka kutlobotlhoko Mandela o ne a tlhokafala ka Sedimonthole 5 2013 a le dingwaga di le 95.

Afrika Borwa mme tota le lefatshe e hutsafaletse go tlhokafala ga monna yono yo o pelotshweu a na le bopelokgale. Ka Nelson Mandela Foundation le Nelson Mandela Children's Fund, ditiro tsa ga Mandela di santse di tswelela pele.

Translated by Nchema Rapoo