Nelson Mandela & Dijo tsa Motshegare le Basadi ba ba Tumileng mo Afrika Borwa ka Raymond Louw

© Eric Miller

Tlhabo ya Setlha Se Seša

Go ne go le thata go buisa dikakanyo tsa ga Nelson Mandela. E ne e le moamogedi yo o borothu le maitseo kwa moletlong wa dijo tsa motshegare kwa legaeng la gagwe la semmuso, Mahlamba 'Ndlopfu (Tlhabo ya Setlha Se Seša), e bahumagadi botlhe ba ditonakgolo le ditautona tsa maloba ba kileng ba dula mo go yona.

O ne gape a laletsa bahumagadi la batlholagadi ba baeteledipele ba mekgatlho e e lwanetseng kgololosego, mo go bona go ne go na le motlholagadi wa moeteledipele wa maloba wa African National Congress Oliver Tambo e leng Adelaide, le Albertina Sisulu, mohumagadi wa motlatsa-mopresidente wa maloba wa ANC Walter Sisulu.

Ditlhopha tse pedi tseno, sa ma-Nationalist ba basweu le sa bahumagadi le batlholagadi ba bantsho le ba basweu ba baeteledipele ba kgololosego, di ne di ise di kopane pele ga fano. Ba ne ba dutse ka go arogana pele Tautona Mandela a goroga ka tumediso e e matlhagatlhaga, “Ke bano basadi ba ba tumileng”.

Mme o ne a haka Elise Botha, mohumagadi wa tautona ya maloba Pieter W Botha, le Magda Diederichs, motlholagadi wa tautona ya maloba Nico Diederichs. Mo nakong e e sa fediseng pelo o ne a baka gore ditlhopha ka bobedi di tlôtle mmogo, fa a ntse a ba tsatsanka botlhe ka mafoko a a monate le thumolano e e sa reng sepe.

Go ne go sena sesupo sa gore o tshameka karolo e a e diretsweng. O ne a ka se nne le dipuo tse di sa tlhaboseng jaaka Vorster, morago ga go kopana phatlhalatsa le mopresidente wa maloba wa Malawi e leng Hastings Banda mmogo le “moamogedi wa semmuso” wa gagwe Cecilia Kadzamira, kwa moletlong wa puso kwa Johannesburg.

Vorster yo a neng a itshereletsa o ne a tlhalosetsa balatedi ba gagwe ba ma-National gore o ne a dutse fa thoko ga mosadi wa montsho kwa moletlong “jaaka maikarabelo a gagwe a naga mo dikgatlhegelong tsa Afrika Borwa”.

Itshwarele, Fela O Se Lebale

Lebaka le Tautona Mandela a le fileng mabapi le go laletsa basadi bano – ebile e ne e le kakanyo ya gagwe ka boene – e ne e le kgwetlho go naga. O ne are “ke mokgwa o o dirisegang wa go lebala tsa maloba” mme gape e ne le nngwe ya maiteko a gagwe a go simolola poelano gareng ga maAfrika-Borwa.

Molaetsa wa gagwe, morago ga tshegetso ya gagwe e kgolo mo go Truth and Reconciliation Commission e e neng e tlhamilwe go bonesetsa lebone le le maatla mo bosuleng jwa nako ya tlhaolele le karolwana ya nako ya morago ga tlhaolele, o ne o lebega fa o le bokaô bontsi.

Fela gone go bonala gore o ne a totile maitshwaro le dikgethololô tse batho ba kileng ba nna le tsona le letshogo le le tlisitsweng ke melawana ya tlhaolele.

O ne a batla gore ma-Afrikaner a a tlhogo-thata mo makokong a Conservative le Nationalist le mo mekgatlhong ya sesole jaaka Afrikaner Weerstandsbeweging (mokgatlho wa ma-Afrikaner wa bogelathoko o o kwa mojeng, ka matshwao a ona a neo-Nazi) ba lemoge fa go sena sepe se ba tshwanetse go se tshaba mo temokrasing e ntšha le gore Afrika Borwa e ka fenya kgethololô ya bosemorafe le go leba bokamoso jaaka setšhaba se le sengwe.

Fela o ne a sa letlelelwa go etsaetsisa poelano le tiro ya Truth Commission. Mohumagadi Ntsiki Biko, motlholagadi wa molwela-ditshwanelo Steve Biko yo a neng a tlhokofatswa le go bolawa ke sepodisi ka motsi wa dipotsolotso, ga a mo letla. O rile, “Re ka itshwarela, ee, fela re ka se lebale!”

Poelano Gareng Ga MaAfrika-Borwa Otlhe

Mme meletlo e ne e atlegile. Basadi kwa dijong tsa motshegare ba ne ba kgatlhwa ke Mandela, fela jaaka Mohumagadi Verwoerd. Tautona Mandela o ne a dira ka natla mo poelanong. Ka morago ga gore a tshameke karolo e kgolo mo go lereng tsuololô e e buisanetsweng le ditumelano le Afrikaner National Party, o lwanetse go retibatsa maikutlô a bantsho ba ba neng ba fediswa pelo ke tlhokegô ya tswelopele ya Reconstruction and Development Programme le mananeo a mangwe a go tsosolosa setšhaba.

O ne gape a retibatsa letshogo la basweu, segolo-bogolo ba lephuka la moja, ba bontsi jwa bona bo neng ba thibelela mo dintlung tsa bona ka ditlhobolo ka nako ya ditlhopho. Ba ne ba tshogile gore bantsho ba tlile go tsoga kgatlhanong le bona ka go ipusulosetsa mabapi le dingwaga di le 48 tsa pogiso le kgatelelô e e setlhogo tse ba di rebotseng mo go bona.

Fela, kagiso e renile – ka bophara jo bo bakileng batho ba le ntsi go kaya ditlhopho fa e le phenyo go kagiso. Tautona Mandela o ne a lebega fa a fenya ntwa eo le fa go ne go na le go runya fale le fale ga tiriso-dikgoka ya bosemorafe fa e sale ka motsi oo.

E ne e le motho yo o kgethegileng yo a nang le bopelotelele jo bo kwa godimo le bokgoni jo bo golo jwa tetlelelô. Mme batho ba ba neng ba sa kgone go itshokelana le bantsho, kana ba ba tlhoile, ga jaana ba ne ba mo leba ka tlhompho le lerato.

Translated by Nchema Rapoo