Grunts

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Grunts / Rubberlips

Leina la Maranyane

Haemulidae

Semeto

E ka nna 90 cm, fa bontsi bo ka nna 30 cm.

Ponalo

Tlhogo le mmele o mogolo, mme e fokotsega go ya kwa morago. Mogatla o mokhutshwane. Dipounama tsa yone di ditonna mme ke yone tsela ya go ka di farologana. Mmala wa tsone o ka nna silver-grey kgotsa yellow ka methalo ya mmala wa botala ba legodimo.

Dikitsiso

Lelapa la Haemulidae le na le mephato e le 17 ka dibopiwa dile 150 tse di farologaneng. Di tsaya leina la tsone go tswa mo modumong o di o entshang ga di gotlhaganya meeno a kwa godimo le a kwa tlase. Di bonala mo metsing kwa magareng ka makoko a magolo. Gantsi di tsoma masigo.
Di ka bonwa gape kwa mafelong a lewatle mo metsi a letswai a kopanang le metsi a a senang letswai (estuaries). Mmotlana wa tsone o bonala mo metlhageng e thuma ka tsela e e sa tlhamallang. Mmala wa mmotlana o farologane thata le wa tse digolo. Di tsala ka go tshela mae mo metsing pele a nonofatswa ke e tona. Pelagic spawners.

Dijo

E fepa ka di’invertebrates tse di nnang kwa tlase mo santeng ya lewatle, jaaka shrimps, crabs le diboko (worms).

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Harlequin sweetlips - Plectorhinchus chaetodonoides
Oriental sweetlips - Plectorhinchus vittatus
Whitebarred rubberlips - Plectorhinchus playfairi