Flatworms

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Flatworms

Leina la Maranyane

Pseudocerotidae

Semeto

E ka nna 30 cm, fa bontsi bo ka nna 10 cm.

Ponalo

Mmele wa tsone o sephaphathi, borethe mme o ka re ke letlhare. E na le dinakana tse pedi tse dinnye (rhinopores) gaufi le matlhakore a tlhogo. Mebala ya tsone ea farologana ka ga e ka nna borokwa, bosetlha, botala, mmala wa namune oo galalelang, kgotsa bontsho. Tse dingwe di na le dilo mo mmele tse o ka reng ke menwana e e golang fao.

Dikitsiso

Lelapa la Pseudocerotidae le akaretsa di- parasitic flukes le di-tapeworms. Di kgona go tsamaya ka lebelo le le kwa godimo. Di dirisa matla a tsone go thuma mo lewatleng kwa tlase (sea-bed). Di dirisa ‘proboscis’ go thaisa setlhabelo sa tsone. Ga e na phatlha ya go antsha mantle. Mmele o borethe mme di hema ka lone. ‘Hermaprodites’ (di kgona go nna monna mme e nne ya mosadi gape). Di abelana peo ya senna mme di beela megala e melele ya mae.

Dijo

E fepa ka di-crustaceans tse dinnye, diboko le di-molluscs.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a mafelo a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Candy-striped flatworm - Prostheceraeus vittatus
Yellowspot flatworm - Thysanozoon nigropapillosum
Splendid flatworm - Pseudobiceros splendidus