Verreaux's Eagle Owl
Morubitshi Wa Ntsu

© Shem Compion
Giant Eagle Owl.

Tebego

Morubitshi Wa Ntsu ke morubitshi o mogolo mo lefatsheng. Jaaka e le morubitshi o mogolo mo go yona yotlhe, Morubitshi Wa Ntsu o bonagala bonolo ka mmele wa ona o mogolo le tsharollogo ya maphuka. A bosetlha jo bo sa tsenelelang ka mmala, a ntshofetse go le gonnye fa godimo le fa tlase mme ga a dikôlô thata. Sefatlhego se tswapogile, ka bontsho go se dikaganyetsa, matlho a lebega a le mantsho kwa bokgakala mme ana le ditswala-matlho tse di pinki tse di dirang gore e supege bonolo. A tshwana thata le Morubitshi Wa Tsebe-telele o motona. Morubitshi Wa Ntsu o mmala o o timpetseng wa motlhaba ka fa tlase, ka borokwa jo bo tseneletseng kgotsa bosetlha. Tlhogo e tshetlhana ka molongwana o mogolo o le thata, le matlho a makima a mmala wa namune kgotso serolwana, le mafofa a ditsebe a mabedi a a boleele jo bo fitlhang fa godimo ga matlho. Ana le dinao le dinala tse di kgolo tse di thata.

Phepo

E iphepa thata ka dinonyane tse di ruiwang jaaka Kgaka mme e rata diphologotswana jaaka mebutla. Gantsi e bonwa ka matsha kgotsa maitsebowa, mme kwa ntle ga mmele wa yona o mogolo e bonagala bonolo ka ditswala-matlho tse di pinki. Di na le phepo e e fapafapaneng thata, go gatisitswe fa di kgona go bolaya diphologolo tse di lekanang le kgabo le dinonyane tse di etsang boRamolongwana, fela di iphepa gantsi ka Setlhong fa se le teng.

Tsadisano

E tsadisana go tloga ka kgwedi ya Mopitlwe go fitlha ka Lwetse, gantsi go beelwa mae a mabedi mme batsadi ka bobedi ba elama go fitlha matsatsi a le 39.

Maitshwaro

Gantsi e bonwa e le nnosi kgotsa ka para, e bonwa gantsi kwa go ya Bokone jwa KwaZulu-Natal. E ka fitlhelwa mo ditlhareng tse di ikadileng go ya le ditselena tsa metsi a noka. Modumo wa yona ke o o boteng o le magwatata wa ‘hryo hryo hooo’. Ga se gantsi a tsoma motshegare mme a dula mo ditlhareng tse di dikgolo, di rata meriti.

Tulo

Dikgwa le ditlhare tse di ikadileng le tselana tsa metsi a noka.

Di fitlhelwa kae

Di fitlhelwa kwa Botswana, Zimbabwe, Namibia, Mozambique le bokone jwa Afrika Borwa.